Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 85


Tsetlana 85

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Ngwanatsele 27, 1832. Tsetlana e ke kinolo go tswa mo lekwalong la Moperofeti go William W. Phelps, yo o neng a nna mo Independence, Missiouri. E araba dipotso ka ga baitshepi bao ba ba neng ba fudugetse kwa Sione mme ne ba sa salang morago taelo ya go tshwaela dithoto tsa bone mme jaana ba ne ba sa amogela boswa jwa bone go yeng ka thulaganyo e e tlhomamisitsweng mo Kerekeng.

1–5, Boswa mo Kerekeng bo amogelwa ka tshwaelo; 6–12, Mongwe yo o maatla le thata o tlaa neela Baitshepi boswa jwa bone mo Sione.

1 Ke tiro ya Mokwaledi wa Morena, yo o mo tlhomileng, go tshegetsa ditso, le pego ya kereke yotlhe ya dilo tsotlhe tse di diragalang mo Sione, le ya botlhe bao ba ba tshwaelang dithoto, mme ba amogela boswa ka fa molaong go tswa mo go bishopo;

2 Mme le one mokgwa wa go tshela ga bone, tumelo ya bone, le ditiro; le one wa ba kgelogi ba ba kgelogileng morago ga go amogela boswa jwa bone.

3 Go kgatlhanong le thato le taelo ya Modimo gore ba ba sa amogeleng boswa jwa bone ka tshwaelo, go dumalana le molao wa gagwe, yo o neetseng, gore a ka ntshisa batho ba gagwe tsabolesome, go ba baakanyetsa letsatsi la pusoloso le la phiso, ba tshwanetse go nna le maina a bone a kwadilwe le a batho ba Modimo.

4 Le fa e le pego ya losika lwa bone ga le tshwanela go tshegediwa, kgotsa go bonwa kwa e ka fitlhelwang mo go epe ya dipego kgotsa ditso tsa kereke.

5 Maina a bone ga a tshwanela go fitlhelwa, le fa e le maina a borraabone, le fa e le maina a bana a kwadilwe mo bukeng ya molao wa Modimo, go bua Morena wa Masomosomo.

6 Ee, go bua jaana lentswe le le sesane le le kokobetseng, le le sebetsang le tlhaba dilo tsotlhe, mme gantsi le roromisa marapo ame fa le ntse le bonatshega, le re;

7 Mme go tlaa diragala gore Nna, Morena Modimo, ke tlaa romela mongwe yo o maatla le thata, a tshwere thobane ya thata mo seatleng sa gagwe, a apere lesedi go ikatega, yo o molomo wa gagwe o tlaa buang mafoko, mafoko a bosakhutleng; fa maikutlo a gagwe e tlaa nna motswedi wa boammaaruri, go siamisa ntlo ya Modimo, le go baakanya ka kabo boswa ya baitshepi bao maina a bone a bonwang, le maina a borraabone, le a bana ba bone, a kwadilweng mo bukeng ya molao wa Modimo;

8 Fa monna yoo, yo a neng a biditswe ke Modimo mme a mo tlhomile, yo o ntshang seatla sa gagwe go nitamisa letlole la Modimo, a tlaa wa ka motsu wa loso, jaaka setlhare se se rathilweng ke phatshimo ya motsu wa tladi.

9 Mme botlhe bao ba ba sa fitlhelweng ba kwadilwe mo bukeng ya kgakologelo ga ba kitla ba bona boswa bope mo letsatsing leo, mme ba tlaa kgaogangwa, mme kabelo ya bone ba tlaa e laolelwa mo gare ga ba batlhoka tumelo, kwa go kuruetso le khuranyo ya meno.

10 Dilo tse ga Ke di bue ka bo nna; ke gone ka moo, jaaka Morena a bua, le gone o tlaa diragatsa.

11 Mme bone ba e leng ba Boperesiti jo Bogolo, ba maina a bone a sa fitlhelweng a kwadilwe mo bukeng ya molao, kgotsa ba ba fitlhelwang ba kgelogile, kgotsa ba kgaotswe mo kerekeng, le ba boperesiti jo bo potlana, kgotsa maloko, mo letsatsing leo ga ba kitla ba bona boswa mo gare ga baitshepi ba Mogodimogodimo;

12 Ke gone ka moo, go tlaa dirwa mo go bone jaaka mo baneng ba baperesiti, jaaka go tlaa fitlhelwa go kwadilwe mo kgaolong ya bobedi temana ya masome a marataro le bongwe le bobedi ya ga Esera.