Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 26


Tsetlana 26

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, Oliver Cowdery, le John Whitmer, kwa Harmony, Pennsylvania, Phukwi 1830 (bona setlhogo sa tsetlana 24).

1, Ba laelwa go ithuta dikwalo tse di boitshepo le go rera; 2, Molao wa tumalano ya botlhe o a tlhomamisiwa.

1 Bonang, Ke a lo raya gore a nako ya lona e dirisiwe mo go ithuteng dikwalo tse di boitshepo, le mo go rereng, le go tlhomamisa kereke kwa Colesville, le go dira ditiro tsa lona mo lefatsheng le, le fa e le eng se se tlhokegang, go fitlha morago lo sena go ya kwa bophirima go tshwara khonferense e e latelang; mme ke gone lo tlaa itsisewe se lo tlaa se dirang.

2 Mme dilo tsotlhe di dirwe ka tumalano ya botlhe mo kerekeng, ka thapelo e kgolo le tumelo, gonne dilo tsotlhe lo tlaa di amogela ka tumelo. Amene.