Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 41


Tsetlana 41

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Kereke, kwa Kirtland, Ohio, Tlhakole 4, 1831. Tshenolo e e kaela Moperofeti le bagolwane ba Kereke go rapela gore ba amogele “molao” wa Modimo (bona tsetlana 42). Joseph Smith o ne a sa tswa go goroga mo Kirtland go tswa New York, mme Leman Copley, leloko la Kereke le le mabapi le Thompson, Ohio, “a kopa Mokaulengwe Joseph le Sidney [Rigdon] … go nna le ene mme o tlaa ba naya matlo le ditlamelo.” Tshenolo e e latelang e tlhalosa kwa Joseph le Sidney ba tshwanetseng go nna teng mme le gone go bitsa Edward Partridge go nna bishopo wa ntlha wa Kereke.

1–3, Bagolwane ba tlaa tsamaisa Kereke ka Mowa wa tshenolo; 4–6, Barutwana ba boammaaruri ba tlaa amogela mme ba tshegetse molao wa Morena; 7–12, Edward Partridge o biletswa go nna bishopo wa Kereke.

1 Reetsang mme lo utlwe, Ao! lona batho ba me, go bua Morena le Modimo wa lona, lona ba ke itumelelang go le segofatsa ka ditshegofatso tse dikgolo go di feta tsotlhe, lona ba lo nkutlwang, mme lona ba lo sa nkutlweng Ke tlaa lo hutsa, bao ba ba reng ba itse leina la me, ka tse di bokete tsa tsotlhe diphutso.

2 Reetsang, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me ba ke ba biditseng, bonang Ke lo neela taelo, gore lo phuthegeng go dumalana ka ga lefoko la me;

3 Mme ka thapelo ya tumelo ya lona lo tlaa amogela molao wa me, gore lo tle lo itse gore lo ka laola jang kereke ya me le go siamisa dilo tsotlhe fa pele ga me.

4 Mme Ke tlaa nna mmusi wa lona mogang Ke tlang; mme bonang, Ke tla ka bonako, mme lo tlaa bona gore molao wa me o a tshegediwa.

5 Ene yo o amogelang molao wa me mme a o diragatsa, ene yo o ke morutwana wa me; mme yo o reng o a o amogela mme a sa o diragatse, ene yo o ga se morutwana wa me, mme o tlaa ntshiwa mo gare ga lona;

6 Gonne ga go a tshwanela gore dilo tse e leng tsa bana ba bogosi di ka neelwa bone bao ba ba sa tshwanelwang, kgotsa dintšha, kgotsa ga latlhelwa diperela fa pele ga dikolobe.

7 Mme gape, go tshwanetse gore motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., o tshwanetse go agelwa ntlo, e a tlaa nnang mo go yone mme a ranole.

8 Mme gape, go tshwanetse gore motlhanka wa me Sidney Rigdon o ka tshela ka fa a bonang go le molemo ka gone, e re ka a tshegetsa ditaelo tsa me.

9 Mme gape, Ke biditse motlhanka wa me Edward Partidge; mme Ke neela taelo, gore o tshwanetse go tlhomiwa ka lentswe la kereke, mme a tlhomiwe bishopo mo kerekeng, go tlogela papadi ya gagwe le go dirisa nako ya gagwe yotlhe mo ditirong tsa kereke;

10 Go tlhokomela dilo tsotlhe jaaka a tlaa laolelwa mo melaong ya me mo letsatsing le ke tlaa e neelang.

11 Mme se ka ntlha ya gore pelo ya gagwe e itshekile fa pele ga me, gonne o tshwana le Nathaniele wa bogologolo, yo mo go ene go neng go sena boferefere.

12 Mafoko a lo a neetswe, mme a itshekile fa pele ga me; ke gone, elang tlhoko ka fa loa tshegetsa ka teng, gonne a tlaa arabelwa mo meweng ya lona mo letsatsing la katlholo. Fela jalo. Amene.