Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 7


Tsetlana 7

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Oliver Cowdery, kwa Harmony, Pennsylvania, Moranang 1829, fa ba ne ba botsa ka Urime le Thumime gore a e ka ne Johane, morutwana yo o rategang, a eme mo nameng kgotsa a tlhokafetse. Tshenolo e ke thanolo ya thulaganyo ya pego e e dirilweng mo pabolong ke Johane le go fitlhwa ke ene.

1–3, Johane yo o Rategang o tlaa tshela go fitlhelela Morena a tla; 4–8, Petere, Jakobe, le Johane ba tshwere dilotlele tsa efangele.

1 Mme Morena a nthaya a re: Johane, moratwa, o eletsa eng? Gonne fa o ka lopa se o se ratang, o tlaa se neelwa.

2 Mme ka mo raya ka re: Morena, nneele thata godimo go loso, gore ke tshele le go tlisa mewa kwa go wena.

3 Mme Morena a nthaya a re: Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, gonne o eletsa se o tlaa diega go fitlhelela ke tla mo kgalalelong ya me, mme o tlaa perofeta fa pele ga ditšhaba, masika, diteme le batho.

4 Mme ka lebaka le Morena a raya Petere a re: Fa ke rata a diega go fitlha ke tla, e be e le eng seo mo go wena? Gonne o eletsa mo go nna gore a tle a tlise mewa kwa go nna, mme wena o eletsa gore o tle ka bonako mo bogosing jwa me.

5 Ke a go raya, Petere, se e ne e le keletso e e molemo; mme moratwa wa me o eleditse gore a tle a dire mo gontsi, kgotsa tiro e kgolo mo gare ga batho go gaisa se a se dirile pele.

6 Ee, o dirile tiro e kgolo; ke gone ka moo ke tlaa mo dira jaaka kgabo ya molelo le moengele wa modiredi; o tlaa direla bao ba ba tlaa nnang barua boswa jwa poloko ba ba nnang mo lefatsheng.

7 Mme ke tlaa go dira gore o mo direle le mokaulengwe wa gago Jakobe; mme mo go lona ba bararo ke tlaa neela thata e le dilotlele tsa tirelo go fitlha ke tla.

8 Ammaaruri ke a lo raya, lotlhe lo tlaa amogela go ya ka dikeletso tsa lona, gonne lotlhe lo itumela mo go seo se lo se eleditseng.