Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 62


Tsetlana 62

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo letshitshing la Noka ya Missiouri kwa Chariton, Missiouri, Phatwe 13, 1831. Mo letsatsing le Moperofeti le setlhopha sa gagwe, se se neng se le mo tseleng go tswa kwa Independence go ya kwa Kirtland, ba kopana le bagolwane bangwe ba ba ne ba le mo tseleng go ya kwa lefatsheng la Sione, mme, morago ga ditumedisano tsa boitumelo, a amogela tshenolo e.

1–3, Ditshupo di kwalwa kwa legodimong; 4–9, Bagolwane ba tshwanetse go tsamaya mme ba rere go yeng ka katlholo le jaaka ba kaelwa ke Mowa.

1 Bonang, mme lo tlhwayeng tsebe, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me, go bua Morena Modimo wa lona, e bong Jeso Keresete, mmueledi wa lona, yo o itseng bokoa jwa motho le ka fa a ka thusang bone ba ba raelwang.

2 Mme ammaaruri matlho ame a mo go bao ba ba iseng ba tlhatlogele kwa lefatsheng la Sione; ke gone thomo ya lona ga e ise e wele.

3 Le fa go ntse jalo, le segofaditswe, gonne tshupo e lo e supileng e kwadilwe mo legodimong gore baengele ba e lebelele; mme ba a le itumelela, e bile dibe tsa lona lo di itshwaretswe.

4 Mme jaanong tswelelang le mosepele wa lona. Phutegelang mo lefatsheng la Sione; mme lo tshware phuthego mme lo itumele mmogo, mme lo tseye karalo mo tirelong tse di boitshepo go Mogodimodimo.

5 Mme le bo lo boa go supa tshupo, ee, e bong lotlhe, kgotsa sebedi bedi, jaaka lo bona go le molemo mo go lona, ga gore sepe mo go nna; nnang fela boikanyego, mme lo bolele mafoko a a molemo mo banning ba lefatshe, kgotsa mo gare ga diphuthego tsa baikepi.

6 Bonang, Nna, Morena, ke lo kopantse gore tsholofetso e tle e diragadiwe, gore ba ba boikanyego mo gare ga lona ba tle ba bolokwe mme ba ipele mmogo mo lefatsheng la Missouri. Nna, Morena, ke solofetsa ba ba boikanyego g mme ga ke kake ka aka.

7 Nna, Morena, ke thato ya me, fa mongwe mo gare ga lona a eletsa go pagama dipitsi, kgotsa mmoulo, kgotsa kara ya dipitsi, o tlaa amogela tshegofatso e, fa a e amogela go tswa mo seatleng sa Morena, ka pelo e e tletseng malebogo mo dilong tsotlhe.

8 Dilo tse di sala le lona go di dira go yeng ka katlholo le ka dikaelo tsa Mowa.

9 Bonang, bogosi ke jwa lona. Mme bonang, mme lebang, Ke na le ba ba boikanyego ka metlha. Fela jalo. Amene.