Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 58


Tsetlana 58

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo Sione, Kgaolo ya Jackson, Missouri, Phatwe 1, 1831. Go le pele mo Sabateng wa ntlha morago ga go goroga ga moperofeti le lekoko la gagwe mo Kgaolong ya Jackson, Missouri, tirelo ya tumelo e ne e tshwerwe mme maloko a mabedi a ne a amogetswe ka kolobetso. Mo bekeng eo, bangwe ba baitshepi ba Colesville go tswa lekaleng la Thompson le ba bangwe ba goroga (bona tsetlana 54). Bontsi bone bo nyoretswe go itse thato ya Morena mabapi le bone mo lefelong le lesha la bo phuthegelo.

1–5, Bao ba ba itshokelang pitlagano ba tlaa rwesiwa ka kgalalelo; 6–12, Baitshepi ba tshwanetse go ipaakanyetsa lenyalo la Kwana le selalelo sa Morena; 13–18, Bobishopo ke baatlhodi mo Iseraele; 19–23, Baitshepi ba tshwanetse go obamela melao ya lefatshe; 24–29, Batho ba tshwanetse go dirisa boikgethelo jwa bone go dira molemo; 30–33, Morena o a laola mme a fetola; 34–43, Go ikwatlhaya, batho ba tshwanetse go ipolela le go tlogela dibe tsa bone; 44–58, Baitshepi ba tshwanetse go reka boswa le go phuthegela mo Missouri; 59–65, Efangele e tshwanetse go rerelwa dibopiwa tsotlhe.

1 Tlhwayang tsebe, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me, mme sekegelang mafoko ame tsebe, le ithute mo go nna mo ke go ratang mabapi le lona, mme le gone mabapi le lefatshe le Ke le rometseng kwa go lone.

2 Gonne ammaaruri Ke a lo raya, go sego yo o tshegetsang ditaolo tsa me, le fa e le mo botshelong kgotsa mo losong; le ene yo o boikanyego mo pitlaganong, tuelo ya ene yo o e kgolo mo bogosing jwa legodimo.

3 Ga lo ka ke lwa bona ka matlho a lona a tlholego, ka lobaka lono, togamaano ya Modimo wa lona mabapi le dilo tse di tlaa tlang morago ga fa, le kgalalelo e e tlaa salang morago pitlagano e kgolo.

4 Gonne morago ga pitlagano e ntsi go tla ditshegofatso. Ke gone letsatsi le etla le lo tlaa rwesiwang ka korone ya kgalalelo e kgolo; oura ga e ise e tle, mme e gaufi.

5 Gakologelwang se, se ke se lo bolelelang pele, gore lo tle lo se beye mo pelong, mme lo amogele seo se se tlaa latelang.

6 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gonne ka lebaka le Ke lo rometse—gore lo tle lo ikobe, le gore dipelo tsa lona di tle di baakanyediwe go supa tshupo ya dilo tse di tlaa tlang;

7 Mmele gone gore lo tle lo tlotlwe mo go thaeng motheo, le mo go supeng tshupo ya lefatshe le mo go lone Sione wa Modimo a tlaa emang;

8 Mme le gone gore moletlo wa dilo tse di nonneng o tle o baakanyediwe bahumanegi; ee, moletlo wa dilo tse di nonneng, wa dintshe tsa mofine o o tlhotlhegileng sentle, gore lefatshe le tle le itse gore melomo ya baperofeti ga e kitla e palelwa;

9 Ee, selalelo sa ntlo ya Morena, se baakantswe sentle, se mo go sone ditšhaba tsotlhe di tlaa lalediwang.

10 Lantlha, bahumi le barutegi, ba ba botlhale le batlotlegi;

11 Mme morago go tle letsatsi la thata ya me; ke gone bahumanegi, digole, le difofu, le bosusu, ba tsene mo lenyalong la Kwana, le go ja selalelo sa Morena, se se baakanyeditsweng letsatsi le legolo le le tlaa tlang.

12 Bonang, Nna, Morena, Ke go buile.

13 Le gore bopaki bo tle bo tswelele go tswa mo Sione, ee, go tswa mo molomong wa toropo ya boswa jwa Modimo—

14 Ee, ka lebaka le Ke lo rometse fano, mme ke tlhophile motlhanka wa me Edward Partridge, mme ke mo laoletse thomo ya gagwe mo lefatsheng le.

15 Mme fa a sa ikwatlhaele dibe tsa gagwe, tse e leng go tlhoka tumelo le bofofu jwa pelo, a itlhokomele e sere kgotsa a we.

16 Bonang thomo ya gagwe o e neetswe, mme ga e kitla e neelwa gape.

17 Mme le fa e le mang yo o emang mo thomong e o tlhomilwe go nna moatlhodi mo Iseraele, jaaka go ne go ntse mo malatsing a bogologolo, gokgaoganyetsa bana ba gagwe mafatshe a e leng boswa jwa Modimo;

18 Le go atlhola batho ba gagwe ka bopaki jwa basiami, le ka thuso ya bagakolodi ba gagwe, go yeng ka melao ya bogosi e e neelwang ke baperofeti ba Modimo.

19 Gonne ammaaruri Ke a lo raya, molao wa me o tlaa tshegediwa mo lefatsheng le.

20 A motho ope a se akanye fa e le mmusi; mme a Modimo a buse ene yo o atlholang, go yeng ka bogakolodi jwa thato ya gagwe, kgotsa, ka mafoko a mangwe, yo o gakololang kgotsa a nna mo setilong sa boatlhodi.

21 A motho ope a se robe melao ya lefatshe, gonne yo o tshegetsang melao ya Modimo ga a tlhoke go roba melao ya lefatshe.

22 Ke gone, ineeleng mo babusing ba ba teng, go fitlha a busa yo tshwanelo ya gagwe e leng go busa, le go fenya baba botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.

23 Bonang, melao e lo e amogetseng go tswa mo seatleng sa me ke melao ya kereke, mme go yeng ka lesedi le lo tlaa e tshegetsa go ya pele. Bonang, se ke botlhale.

24 Mme jaanong, jaaka Ke buile mabapi le motlhanka wa me Edward Partridge, lefatshe le ke lefatshe la bonno jwa gagwe, le bao ba a ba tlhomileng go nna bagakolodi ba gagwe; mme le gone lefatshe la bonno la yo ke mo tlhomileng go tshegetsa ntlo ya me ya polokelo;

25 Ke gone, a ba tlise malwapa a bone mo lefatsheng le, jaaka ba gakololana fa gare ga bone le nna.

26 Gonne bonang, ga go a siama gore Ke tshwanetse go laola mo dilong tsotlhe; gonne yo o patelediwang mo dilong tsotlhe, ene yo o ke setshwakga le e seng motlhanka yo o botlhale; ke gone ga a amogele tuelo.

27 Ammaaruri Ka re, batho ba tshwanetse go gakalela go nna mo seemong se se molemo, mme ba dire dilo tse dintsi ka boikgethelo jwa bone, mme ba diragatse tshiamo e kgolo;

28 Gonne thata e mo go bone, e mo go yone e leng baikgethedi ka bo bone. Mme e re ka batho ba dira molemo ga ba kitla ka gope ba latlhegelwa ke tuelo ya bone.

29 Mme yoo sa direng sepe go fitlhelela a laelwa, mme a amogela taolo ka pelo e e etsaetsegang, mme a e tshegetsa ka botshwakga, ene yo o hutsitswe.

30 Ke mang Nna yo ke bopileng motho, go bua Morena, yo o ke tlaa mo kayang a senamolato yo o sa obameleng ditaolo tsa me?

31 Ke mang Nna, go bua Morena, yo ke solofeditseng mme ke sa diragatse?

32 Ke a laola mme batho ga ba obamele; Ke a fetola mme ga ba amogele tshegofatso.

33 Ke gone ba re mo dipelong tsa bone: Se ga se tiro ya Morena, gonne ditsholofetso tsa gagwe ga di a diragala. Mme bohutsana mo go ba ba ntseng jalo, gonne tuelo ya bone e ipatelega kwa tlase, mme e seng go tswa kwa godimo.

34 Mme jaanong Ke lo neela ditaelo tse dingwe mabapi le lefatshe le.

35 Ke tlhalefo mo go nna gore motlhanka wa me Martin Harris a nne sekao mo kerekeng, mo go beyeng madi a gagwe fa pele ga bishopo wa kereke.

36 Mme le gone, se ke molao mo mothong mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng le go amogela boswa; le gore o tlaa dira ka madi a gagwe go yeng jaaka molao o kaela.

37 Mme ke tlhalefo gore go tshwanetse ga nna le mafatshe a a rekwang mo Independence, go nna lefelo la ntlo ya polokelo, mme le la ntlo ya kgatiso.

38 Mme dikaelo tse dingwe mabapi le motlhanka wa me Martin Harris o tlaa di neelwa ka Mowa, gore a amogele boswa jwa gagwe jaaka a bona go le molemo mo go ene;

39 Mme a ikwatlhaele dibe tsa gagwe, gonne o batla kgalaletso ya lefatshe.

40 Mme le gone a motlhanka wa me William W. Phelphs a eme mo ofising e Ke e mo laoletseng, mme a amogele boswa jwa gagwe mo lefatsheng;

41 Mme le e ne o tlhoka go ikwatlhaya, gonne Nna, Morena, ga ke a itumela thata ka ene, gonne o leka thata go gaisa, mme ga a bonolo mo go lekaneng fa pele ga me.

42 Bonang, yo o ikwatlhaetseng dibe tsa gagwe, ene yoo o itshwaretswe, e bile Nna, Morena, ga ke kitla ke tlhola ke di gakologelwa.

43 Ka se lo ka itse fa motho a ikwatlhaela dibe tsa gagwe—bonang, o tlaa di ipolela mme a di tlogele.

44 Mme jaanong, ammaaruri, Ka re mabapi le masalela a bagolwane ba kereke ya me, nako ga e ise e tle, mo dingwageng tse dintsi, gore ba amogele boswa jwa bone mo lefatsheng le, fa e se fela ba bo eletsa ka thapelo ya tumelo, fela jaaka ba tlaa laolelwa ke Morena.

45 Gonne, bonang, ba tlaa phutha batho go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe.

46 Ke gone, phuthegang; mme bao ba ba sa laolelwang go nna mo lefatsheng le, a ba rere efangele mo dikgaolong tse di mo tikologong; mme morago ga moo a ba boele kwa magaeng a bone.

47 A ba rere ba ntse ba le mo tseleng, mme ba supe tshupo ya boammaaruri mo mafelong otlhe, mme ba bitse bahumi, ba ba kwa godimo le kwa tlase, le bahumanegi go ikwatlhaya.

48 Mme a ba age dikereke, e re ka banni ba lefatshe ba tlaa ikwatlhaya.

49 Mme a go nne le moemedi yo o tlhomilweng ka lentswe la kereke, mo kerekeng e e mo Ohio, go amogela madi a go reka lefatshe mo Sione.

50 Mme Ke neela motlhanka wa me Sidney Rigdon taolo, gore a kwale tlhaloso ya lefelo la Sione, le pego ya thato ya Modimo, jaaka a tlaa e itsisiwe ke Mowa;

51 Mme lokwalo le dipampitshana tsa meneelo, di tshwanetse di neelwe dikereke tsotlhe go tsaya madi, gore di bewe mo diatleng tsa ga bishopo, ene ka sebele kgotsa moemedi, jaaka a bona go le molemo kgotsa jaaka a tlaa kaela, go reka lefatshe go nna boswa jwa bana ba Modimo.

52 Gonne, bonang, ammaruri Ke a lo raya, Morena o rata gore barutwana le bana ba batho ba bule dipelo tsa bone, e bong go reka kgaolo e yotlhe ya lefatshe, fela fa nako e letla.

53 Bonang, se ke botlhale. A ba dire se e sere kgotsa ba se amogele boswa bope, fa e se fela ka tshololo ya madi.

54 Mme gape, e re ka go na le lefatshe le le amogetsweng, a go nne le badiri ba mefuta yotlhe ba ba romelwang kwa lefatsheng le, go direla baitshepi ba Modimo.

55 A dilo tse tsotlhe di dirwe ka thulaganyo; mme a ditshiamelo tsa mafatshe di itsisiwe nako le nako, ke bishopo kgotsa moemedi wa kereke.

56 Mme a tiro ya go phuthiwa e se dirwe ka potlako, le fa e le ka go tshaba; mme a e dirwe jaaka go tlaa gakololwana ke bagolwane ba kereke kwa dikhonforenseng, go yeng ka kitso e ba e amogelang nako le nako.

57 Mme a motlhanka wa me Sidney Rigdon a tshwaele a bo a lomolole lefatshe le, le lefelo la tempele, go Morena.

58 Mme a phuthego ya khonferense e bidiwe; mme morago ga moo a batlhanka ba me Sidney Rigdon le Joseph Smith, Jun, ba bowe, mme le ene Oliver Cowdrey le bone, go feleletsa masalela a tiro e ke e ba laoletseng mo lefatsheng la bone, mme masalela jaaka go tlaa kaelwa ke dikhonforense.

59 Mme a motho ope a se bowe go tsweng mo lefatsheng le fa e se a supa tshupo mo tseleng, ka se a se itseng mme bogolo ruri a se dumela.

60 A se se beilweng mo go Ziba Peterson se tsewe mo go ene, mme a eme jaaka leloko mo kerekeng, mme a dire ka diatla tsa gagwe, le bakaulengwe, go fitlhelela a otlhaetswe mo go lekaneng dibe tsa gagwe tsotlhe; go nne ga a di ipolela, mme o akanya go di fitlha.

61 A masalela a bagolwane ba kereke e, a a tlang mo lefatsheng le, a mangwe a one a segofaditswe thata le e leng go feta selekanyo, le bone ba tshware khonforense mo lefatsheng le.

62 Mme a motlhanka wa me Edward Partridge a kaele khonferense e ba tlaa e tshwarang.

63 Mme a le bone ba bowe, ba rera efangele mo tseleng, basupa tshupo ya dilo tse ba di senoletsweng.

64 Gonne, ammaaruri, modumo o tshwanetse go tswela pele go tswa mo lefelong le go ya mo lefatsheng lotlhe, le mo dikgaolong tse di kwa tengnyana teng tsa lefatshe—efangele e tshwanetse go rerelwa sebopiwa sengwe le sengwe, ka ditshupo di sala morago bone ba ba dumelang.

65 Mme bonang Morwa Motho o etla. Amene.