Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 40


Tsetlana 40

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa Fayette, New York, Hirikgong 6, 1831. Pele ga tshupo ya tshenolo e, Ditso tsa ga Moperofeti di bolela “Ka James [Covel] a ganne lefoko la Morena, mme a boela kwa melawaneng ya gagwe ya pele le batho, Morena o nneetse le Sidney Rigdon tshenolo e e latelang” (bona tsetlana 39).

1–3, Poifo ya pogiso le matshwenyego a lefatshe di dira gore batho ba gane efangele.

1 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore pelo ya motlhanka wa me James Covel e ne e siame fa pele ga me, gonne o golagane le nna gore o tlaa obamela lefoko la me.

2 Mme o amogetse lefoko ka boipelo, mme Satane a a kofa a mo raela; mme poifo ya pogiso le ya matshwenyego a lefatshe tsa mo dira gore a gane lefoko.

3 Ke gone o robile kgolagano ya me, mme go ntshaletse go dira ka ene jaaka ke bona go le molemo mo go nna. Amene.