Scripture Stories
Kgaolo 10: Jakobe le Shereme


Kgaolo 10

Jakobe le Shereme

Setshwantsho
Nefi a neela dipapetlana go Jakobe

Pele ga Nefi a swa o ne a neela dipapetlana tse a dikwadileng go monnawe Jakobe. Jakobe e ne e le mosiami.

Setshwantsho
Jakobe a kwala mo dipapetlaneng

Nefi a bolelela Jakobe go kwala dilo tse di ka thusang batho go dumela mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Nefi a segofatsa Jakobe

Nefi a neela Jakobe thata go nna moperesiti mo Kerekeng le go ruta Banefi lefoko la Modimo.

Setshwantsho
Alema a ruta batho

Morago ga go swa ga ga Nefi. Banefi ba nna boikepo. Jakobe o ne a ruta batho le go ba bolelela go ikwatlhaela dilo tse di maswe tse ba ne ba di dira.

Setshwantsho
Shereme a ruta

Monna wa moikepi yo o bidiwang Shereme a tsamaya mo gare ga Banefi, a ba ruta gore ba se ka ba dumela mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Shereme

Shereme a bolelela batho gore ga go ka ke ga nna le Keresete. Batho ba le bantsi ba dumela Shereme.

Setshwantsho
Shereme a ganetsanya le Jakobe

Jakobe a ruta batho go dumela mo go Keresete. Shereme a batla go ganetsanya le Jakobe le go mo tlhotlheletsa gore ga go ka ke ga nna le Keresete

Setshwantsho
Jakobe le Shereme

Tumelo ya ga Jakobe mo go Jeso Keresete e ne e sa tshikinyege. O ne a bone baengele le go utlwa lentswe la Morena. O ne a itse Jeso o tlaa tla.

Setshwantsho
Jakobe a fa bopaki go Shereme

Mowa o o Boitshepo o ne o na le Jakobe jaaka a ne a fa bopaki jwa ga Jeso Keresete go Shereme.

Setshwantsho
Shereme a kopa tshupo

Shereme a kopa go bona tshupo. O ne a batla Jakobe a supa fa go na le Modimo. O ne a batla go bona kgakgamatso.

Setshwantsho
Jakobe

Jakobe a seka a kopa tshupo mo Modimong. O ne a re Shereme o ne a setse a itse gore se Jakobe a se rutang se boammaruri.

Setshwantsho
Jakobe le Shereme

Jakobe a re fa Modimo a ka itaya Shereme, seo e ka nna tshupo ya thata ya Modimo.

Setshwantsho
Shereme a wela fatshe

Shereme ka ponyo ya leitlho a wela fatshe. O ne a seka a emelela malatsi a mantsi.

Setshwantsho
Shereme

Shereme o ne a le bokowa mme a itse gore o ya go swa. O ne a bitsa batho mmogo.

Setshwantsho
Shereme a bua le batho

O ne a bua gore o akile. O ne a re ba tshwanetse go dumela mo go Jeso Keresete.

Setshwantsho
Shereme

Morago ga Shereme a sena go bua le batho, a swa. Batho ba utlwa thata ya Modimo, mme ba wela fa fatshe.

Setshwantsho
Jakobe le ba bangwe

Batho ba simolola go ikwatlhaya le go bala dikwalo tse di boitshepo. Ba tshelela mo kagisong le lorato. Jakobe o ne a itumetse mme a itse gore Modimo o arabile dithapelo tsa gagwe.