Scripture Stories
Kgaolo 44: Jeso Keresete a Segofatsa Bana


Kgaolo 44

Jeso Keresete a Segofatsa Bana

Setshwantsho
Keresete le bana

Jeso Keresete o boleletse Banefi go tlisa bana kwa go ene. Bana ba nna mo mmung gaufi le Jeso.

Setshwantsho
Jeso a rapela le bana

Mmoloki o bolelela batho go khubama. Ke gone a khubama mme a rapela Rraetsho wa Legodimo.

Setshwantsho
batho ba nyenya

Thapelo ya Mmoloki e ne e gakgamatsa moeneng ya seka ya kwalwa. E ne ya tlatsa Banefi ka boipelo.

Setshwantsho
Jeso a bua le batho

Morago ga thapelo ya gagwe Jeso a re Banefi ba tlaa segofadiwa ka ntlha ya tumelo ya bone.

Setshwantsho
Jeso

O ne a utlwa lorato le le kalo kalo le boitumelo mo a neng a lela.

Setshwantsho
Jeso o segofatsa bana

O ne a tsaya bana mme a ba segofatsa mongwe le mongwe wa bone. A ba rapelela go Rraetsho wa Legodimo mme a lela gape.

Setshwantsho
Jeso le bana

Jeso Keresete o boleletse Banefi go leba bana ba bone.

Setshwantsho
baengele ba dikaganyeditse bana

Jaaka batho ba ne ba lebile, baengele ba fologa kwa legodimong mme ba dikaganyetsa bana. Bana le baengele ba ne ba dikologilwe ke molelo.