Scripture Stories
Kgaolo 47: Jeso Keresete o Segofatsa Barutwana ba Gagwe


Kgaolo 47

Jeso Keresete o Segofatsa Barutwana ba Gagwe

Setshwantsho
Jeso le barutwana

Letsatsi lengwe fa barutwana ba kopane ba ikitsai dijo le go rapela, Jeso Keresete a tla go bone.

Setshwantsho
Keresete a bua le barutwana

Barutwana ba mmotsa gore ba bitseng Kereke ka leina lefe Jeso a re e tshwanetse go bidiwa ka ene ka gore e ne e le Kereke ya gagwe.

Setshwantsho
Jeso a bua le barutwana

Jeso o tlhalosetsa barutwana ba gagwe gore Rara wa Legodimo o mo rometse mo lefatsheng go ntshetsa batho botlhe botshelo jwa gagwe.

Setshwantsho
Keresete a bua le barutwana

O ne a re mongwe le mongwe yo o ikwatlhayang, a kolobediwe mo leineng la gagwe, mme a obamela ditaelo tsa gagwe o tlaa se bonwe molato fa pele ga ga Rara wa Legodimo.

Setshwantsho
Keresete a bua le barutwana

Mmoloki a bolelela barutwana ba gagwe go dira dilo tse ba mmoneng a di dira. O ba tlhometse sekao.

Setshwantsho
Jeso a bua ka dikwalo tse di boitshepo

Le gone a ba bolelela gore ba kwale se ba se boneng le se ba se utlwileng gore le ba bangwe ba ka itse ka ga sone.

Setshwantsho
Jeso le barutwana

Jeso a botsa barutwana ba gagwe gore ba eletsa eng mo go ene. Ba le boferabongwe ba batla go nna le ene morago ga botshelo jwa bone mo lefatsheng bo khutla.

Setshwantsho
Jeso le barutwana

Jeso a ba solofetsa gore fa ba le ngwaga di le 72, ba tlaa ya go ene kwa legodimong.

Setshwantsho
Jeso le barutwana ba le bararo

Barutwana ba bararo ba bangwe ba seka ba leka go kopa se ba neng ba se batla, mme Jeso o ne a itse. Ba ne ba batla go nna mo lefatsheng mme ba ruta efangele go fitlha Jeso a boa gape.

Setshwantsho
Mmoloki le barutwana

Mmoloki a ba tshepisa fa ba se kitla ba boga setlhabi kgotsa bohutsana le gore ga ba kitla ba swa. Ba tlaa ruta batho efangele go fitlha a boa.

Setshwantsho
Jeso a tloga

Jeso a tshwara mongwe le mongwe wa barutwana fa e se ba bararo ba ba tlaa salang mo lefatsheng. Ke gone a tsamaya.

Setshwantsho
Barutwana ba bararo ba tseelwa kwa legodimong

Barutwana ba barora ba ne ba tseelwa kwa legodimong, kwa ba boneng le go utlwa dilo di le dintsi tse di gakgamatsang. Ba ne ba le nonofile botoka go tlhaloganya dilo tsa Modimo.

Setshwantsho
barutwana ba bararo

Mebele ya bone ene ya fetolwa gore ba se kitle ba swa.

Setshwantsho
Barutwana ba kolobetsa ba bangwe

Barutwana ba bararo ba boela mo lefatsheng mme ba simolola go rera le go kolobetsa.

Setshwantsho
barutwana ba bararo mo mokoting o o boteng

Banefi ba ba bosula ba latlhela barutwana ba bararo mo kgolegelong le mo mokoting o o boteng, mme thata ya Modimo ya ba thusa go falola.

Setshwantsho
barutwana ba kgaramelediwa mo molelong

Fa ba kgaramelediwa mo molelong le mo lefelong la diphologolo tsa naga, ba ne le bone ba sirelediwa ke thata ya Modimo.

Setshwantsho
barutwana ba rerela batho

barutwana ba bararo ba tswelela go rera efangele ya ga Jeso Keresete go Banefi. Ba santse ba rera efangele ya gagwe.