Scripture Stories
Kgaolo 5: Go tsamaya mo Nageng


Kgaolo 5

Go tsamaya mo Nageng

Setshwantsho
bakaulengwe ba tsamaya mo sekakeng

Morena o ne a batla barwa Lihae ba nna le basadi ba ba tlaa rutang bana ba bone efangele. O ne a bolelela Lehi go romela barwa ba gagwe kwa Jerusalema go tsaya lelwapa la ga Ishemaele.

Setshwantsho
Nefi a bua le Ishemaele

Nefi le barwarraagwe ba boela Jerusalema. Ba bolelela Ishemaele se Morena a batlang a se dira. Ishemaele a ba dumela, mme ene le lelwapa la gagwe ba tsamaya le barwa Lehi.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba galefetse Nefi

Ya re ba santse ba tsamaya monageng, Lamane le Lemuele le bangwe ba lelwapa la ga Ishemaele ba galefa. Ba ne ba batla go boela kwa Jerusalema.

Setshwantsho
Nefi a bua le Lamane le Lemuele

Nefi a gakolola Lamane le Lemuele tsotlhe tse Morena a di ba diretseng. O ne a ba bolelela gore ba nne le tumelo e kgolo. Ba ne ba galefela Nefi mme ba seka ba boela kwa Jerusalema.

Setshwantsho
bobedi bonyalana

Nefi, barwarraagwe, le Soramo kgabagare ba nyala barwadie Ishemaele.

Setshwantsho
Nefi a tshotse Liahona

Morena a bolelela Lehi go tswelela le loeto la gagwe. Mo mosong o o latelang Lehi a bona kgolokwe ya kgotlho e e bidiwang Liahona kwantle ga tante ya gagwe. E ne e supa tsela ya go tsamaya mo nageng.

Setshwantsho
lelwapa le tsamaya

Lelwapa la ga Lehi la kgobokanya dijo le dipeo le go paka ditante tsa bone. Ba ne ba tsamaya mo nageng malatsi a mantsi, ba setse morago dikaelo tsa Liahona.

Setshwantsho
ba tsoma

Nefi le bakaulengwe ba gagwe ba dirisa mara le metswi go tsoma dijo jaaka ba tsamaya.

Setshwantsho
bora jo bo robegileng

Bora jwa ga Nefi jwa tshipi jwa robega, mme mara a barwarraagwe a latlhegelwa ke thata ya tsone. Barwarraagwe ba ne ba seka ba bolaya diphologolo dipe, jalo mongwe le mongwe o ne a tshwerwe ke tlala. Lamane le Lemuele ba ne ba galefile.

Setshwantsho
Bora jwa legong

Nefi a dira bora jwa legong mme a botsa Rraagwe kwa a ka tsomang teng. Lehi o amogela dikaelo mo Liahoneng. Nefi o sala morago dikaelo mme a bona diphologolo dingwe.

Setshwantsho
Nefi a tshotse Liahona

Liahona e dira fela fa lelwapa la ga Lehi le ne le ikanyega, tlhaga, le kutlo.

Setshwantsho
Nefi o boa ka dijo

Nefi o boa ka diphologolo tse a diboneng. Mongwe le mongwe o ne a itumeletse go amogela dijo. Ba ne ba utlwa botlhoko gore ba ntse ba galefile, mme ba ne ba leboga Modimo go bo a ba segofaditse.

Setshwantsho
barwadie Ishemaele

Go tsamaya gone go se motlhofo. Gantsi lelwapa la ga Lehi le ne le lapile, le tshwere ke tlala, le lenyora. Ishemaele a swa mme barwadie ba gagwe ba ne ba hutsafetse. Ba ne ba ngongorega kgatlhanong le Lehi.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele

Lamane le Lemuele le bone ba ngongorega. Ba ne ba sa dumele gore Morena o buile le Nefi. Ba ne ba batla go bolaya Lehi le Nefi le go boela kwa Jerusalema.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele

Lentswe la Morena la bua le Lamane le Lemuele. Le ne la ba bolelela gore ba seka ba galefela Lehi le Nefi. Lamane le Lemuele ba ikwatlhaya.

Setshwantsho
Lelwapa la ga Lehi

Lelwapa la ga Lehi le tswelela ka loeto le le thata. Modimo a ba thusa le go ba thatafatsa. Bana ba tsholwa. Lehi le Sarai ba nna le barwa ba babedi, ba ba bidiwang Jakobe le Josefa.

Setshwantsho
lelwapa le tsamaya

Morago ga go tsamaya mo nageng dingwaga tse di ferangbobedi, lelwapa la ga Lehi la goroga kwa letshitshing la lewatle. Koo ba fitlhela maungo le dinotshe. Ba bitsa leina la lefelo Bountiful.