Scripture Stories
Kgaolo 3: Lehi o Tlogela Jerusalema


Kgaolo 3

Lehi o Tlogela Jerusalema

Setshwantsho
Toro ya ga Lehi ya loeto

Morena o ne a itumelela Lehi e bile bosigo bongwe a bua le ene mo torong. O ne a bolelela Lehi go tsaya lelwapa la gagwe mme a tlogele Jerusalema. Lehi a obamela Morena.

Setshwantsho
lelwapa mo nageng

Lelwapa la ga Lehi le paka dijo le ditante. Ba ne ba tlogela ntlo ya bone le gauta ya bone le selefera mme ba tsaya loeto mo nageng.

Setshwantsho
Lehi, Sarai, le barwaabone ba bane

Lehi le mosadi wa gagwe, Sarai, ba ne ba na le barwa ba bane. Maina a bone e ne e le Lamane, Lemuele, Seme le Nefi.

Setshwantsho
ditante le lelwapa

Fa ba sena go tsamaya malatsi a mararo, lelwapa la ga Lehi la thibelela mo mogogorong gaufi le noka.

Setshwantsho
Lehi le aletara

Lehi o aga aletara ka matlapa mme a dira tshupelo go Modimo. O ne a lebogela Modimo go boloka lelwapa la gagwe mo go sa senngweng.

Setshwantsho
Lehi, Lamane, le Lemuele

Lehi o bitsa noka Lamane le mogorogoro Lemuele. Lehi o ne a batla barwa ba gagwe go nna jaaka noka le mogorogoro, ba tswelela ba elelela kwa Modimong mme ba itlhomamiseditse go tshegetsa ditaelo.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele

Lamane le Lemuele ba ne ba akanya gore rraabone o seeleele ka go tlogela Jerusalema le mahumo a bone. Ba ne ba sa dumele gore Jerusalema o ka senngwa.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Nefi a batla go tlhaloganya dilo tse Lehi a di boneng. O ne a rapela go itse fa rraagwe a dirile selo se se siameng ka go tlogela Jerusalema.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Jeso Keresete a etela Nefi mme a mmolelela gore mafoko a ga Lehi a ne a le boammaaruri. Nefi a dumela e bile a seka a tsuologa jaaka Lamane le Lemuele ba dirile.

Setshwantsho
Nefi a bua le Seme

Nefi a bolelela bo mogolowe le monnawe se Jeso a se mmoleletseng. Seme o dumela Nefi, mme Lamane le Lemuele ba se ka ba dumela.

Setshwantsho
Nefi a bua le bakaulengwe

Morena o solofetsa Nefi gore o tlaa segofala ka ntlha ya tumelo ya gagwe. O tlaa nna moeteledipele wa bakaulengwe ba gagwe.