Scripture Stories
Kgaolo 7: A aga Sekepe


Kgaolo 7

A aga Sekepe

Setshwantsho
Nefi

Morago ga lelwapa la ga Lehi le sena go thibelela kwa lewatleng malatsi a mantsi, Morena a bua le Nefi. O ne a mmolelela go aga sekepe go tsaya lelwapa la gagwe go lefatshe la tsholofetso.

Setshwantsho
Nefi a dira di dirisiwa

Nefi o ne a sa itse ka fa a ka dirang sekepe ka gone, mme Morena a re o tlaa mmontsha. O ne a bolelela Nefi kwa a ka bonang tshipi teng go dira di dirisiwa tse a tlaa di tlhokang.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele le Nifae.

Lamane le Lemuele ba sotla Nefi ka go batla go aga sekepe. Ba ne ba sa dumele gore Morena o bontshitse Nefi ka fa a ka dirang ka teng. Bagana go thusa.

Setshwantsho
Nefi a bua le Lamane le Lemuele

Nefi a bolelela Lamane le Lemuele go ikwatlhaya mme ba se tsuologe. O ne a ba gakolola gore ba bone moengele. O ne le gone a ba bolelela gore Modimo o na le thata go dira dilo tsotlhe.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba batla go latlhela Nefi mo lewatleng

Lamane le Lemuele ba ne ba galefela Nefi mme ba batlile go mo latlhela mo lewatleng.

Setshwantsho
Nefi le Lamane le Lemuele

Jaaka ba tla kwa go Nefi, a ba laela gore ba se mo kgome ka ntlha ya gore o tletse ka thata ya Modimo. Lamane le Lemuele ba ne ba tshogile malatsi a mantsi.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba wela kwa morago.

Ke gone Morena o bolelela Nefi go kgoma Lamane le Lemuele. Fa Nefi a dira jalo, Morena a ba gakgamatsa. Lamane le Lemuele ba ne ba itse fa thata ya Modimo e ne e na le Nefi.

Setshwantsho
Nefi

Nefi a bolelela Lamane le Lemuele go utlwa batsadi ba bone mme ba obamele Modimo. Nefi a re fa ba ka dira se, ba ka segofala.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba aga sekepe

Lamane le Lemuele ba ikwatlhaya le go thusa Nefi go aga sekepe.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Nefi o ne a ya kwa thabeng nako tse dintsi go rapelela thuso. Morena o ne a mo ruta ka fa a ka agang sekepe ka teng.

Setshwantsho
sekepe se se fedileng

Fa Nefi le barwarraagwe ba fetsa go aga sekepe, ba ne ba itse gore ke sekepe se se siameng. Ba ne ba lebogela Modimo go ba thusa.