Scripture Stories
Kgaolo 28 Basoramo le Ramianpothamo


Kgaolo 28

Basoramo le Ramianpothamo

Setshwantsho
Basoramo ba obamela medimo ya disetwa

Basoramo ba kile ya bo ele ba Kereke ya Modimo mme ba nna boikepo le go obamela medimo ya disetwa.

Setshwantsho
Alema le baanamisa efangele ba bangwe

Banefi ba ne ba batla go itsa Basoramo go kopana le Balamane, jalo Alema a tsamaya le bangwe ba baanamisa efangele go rera lefoko la Modimo go Basoramo.

Setshwantsho
Baanamisa efangele le Basoramo

Baanamisa efangele ba ne ba gakgametse le go tenwa ke ka fa Basoramo ba neng ba obamela mo dikerekeng tsa bone, tse di bidiwang disinagoge.

Setshwantsho
monna a eme mo seraleng

Mo legareng la kereke, Basoramo ba ne ba agile serala se se kwa godimo se bidiwa Ramianpothamo. Gone go na le ntlwana ya motho a le mongwe go ema kwa godimo.

Setshwantsho
monna ka matsogo mo phefong

Basoramo ba ne ba fapaanela go ema teng, otlologela kwa legodimong mme ba gelebetega ba boeletsa thapelo e e tshwanang.

Setshwantsho
monna ka matsogo mo phefong

Mo thapelong e, Basoramo ba re Modimo gaana mmele; ke mowa fela. Le gone ba re ga gona go nna le Keresete.

Setshwantsho
monna a rapela mo seraleng

Basoramo ba akantse fa Modimo a itshenketse bone fela go bolokiwa mo bogosing jwa legodimo. Ba fa malebo go bo e le baratwa ba batho ba gagwe.

Setshwantsho
Basoramo ba tsamaya

Morago ga mongwe le mongwe wa Basoramo a rapetse, ba ya magaeng mme ba seka ba rapela kgotsa go bua ka Modimo gape beke yotlhe.

Setshwantsho
Basoramo ka dithoto

Bahumi ba Basoramo ba ratile gauta le selefera, mme ba itumisa ka dikhumo tsa selefatshe tsa bone. Alema o ne a hutsafetse go bona ka fa baneng ba le boikepo ka teng.

Setshwantsho
Alema a rapela

Alema a ithapelela le baanamisa efangele ba gagwe go nna le nonofo, kgomotso, le tswelelopele mo tirong ya bone.

Setshwantsho
baanamisa efangele ba rapela

Morago ga go kopa thuso go tsisa Basoramo gape mo boammaaruring, Alema le baanamisa efangela ba bangwe ba tladiwa ka Mowa o o Boitshepo.

Setshwantsho
baanamisa efangele ba tsaya dijo

Baanamisa efangele ke gone ba ya dintlheng tse di farologanyeng go rera. Modimo o ba segofatsa ka dijo le dilwana le go ba nonofatsa mo tirong ya bone.

Setshwantsho
baanamisa efangele ba ruta batho ba ba humanegileng.

Basoramo ba ba humanegileng ba ne ba sa letlelelwe mo teng ga dikereke. Batho ba ba ne ba simolola go reetsa baanamisa efangele.

Setshwantsho
Alema a rera

Bontsi jwa botsa Alema se ba tshwanetseng go se dira. Alema a ba bolelela fa ba sa tlhoke go tsena mo teng ga kereke go rapela kgotsa go obamela Modimo.

Setshwantsho
Amuleke a ruta batho

O ba boleletse go nna le tumelo mo Modimong. Ke gone Amuleke a ba ruta ka Jeso Keresete le ka tomagano ya Modimo go bana ba gagwe.

Setshwantsho
badumedi ba tlogela toropo kgolo

Baanamisa efangele ba tsamaya, mme Basoramo ba ba neng ba ba dumela ba ne ba latlhelwa kwa ntle ga toropo kgolo. Ba dumedi ba ya go nna mo lefatsheng la Jeshone le batho ba ga Amone.

Setshwantsho
batho ba lebeletse ba bangwe ba tsamaya

Le ntswa Basoramo ba ba boikepo ba tshoseditse batho ba ga Amone, batho ba ga Amone ba thusa basiami ba Basoramo le go ba neela dijo, dilwana, le lefatshe.