Scripture Stories
Kgaolo 34: Hilamene le Makawana a Batlhabani a 2,000


Kgaolo 34

Hilamene le Makawana a Batlhabani a 2,000

Setshwantsho
badisa mo leboteng

Batho ba ga Amone ba ne ba solofetsa Modimo gore ga ba kitla ba tlhabana gape. Ba ne ba nna gaufi le Banefi, mme Banefi ba ne ba ba sireletsa.

Setshwantsho
batho ba bua le Hilamene

Fa baba ba batho ba ga Amone ba tlhasela Banefi, batho ba ga Amone ba ne ba batla go roba tsholofetso ya bone mme ba thusa Banefi go lwa.

Setshwantsho
Hilamene a bua le setlhopha

Hilamene le baeteledipele ba bangwe ba Banefi ba ne ba sa batle batho ba ga Amone gore ba robe tsholofetso ya bone go Modimo.

Setshwantsho
barwa ba batho ba ga Amone

Barwa ba ba botlana ba batho ba ga Amone ba ne ba sa dira tsholofetso. Ba ne ba batla go thusa batlhabani ba Banefi go lwela kgololesego.

Setshwantsho
2000 ya batlhabani

Dikete tse pedi tsa makawana a ba itlhophela go sireletsa lefatshe la bone. Ba ne ba kopa Hilamene go nna moeteledipele wa bone.

Setshwantsho
batlhabani ba bararo

Makawana bao ba ne ba gankafetse, mme ba nonofile. Ba ne le bone ba tshepega le go ikanyega, mme ba ne ba tshegetsa ditaelo tsa Modimo.

Setshwantsho
Hilamene le batlhabani

Hilamene o ne a etelela pele makawana a batlhabani ba gagwe ba ba 2,000 mo ntweng. O ne a ba bitsa barwa ba gagwe, mme le bone ba ne ba mmitsa rraabone.

Setshwantsho
Hilamene a eteletse pele batlhabani

Le fa barwa ba ga Hilamene ba ne ba ise ba ke ba lwe, ba ne ba sa tshoga. Bo mmaabone ba ne ba ba rutile go nna le tumelo mo Modimong le go itse fa a tlaa ba thusa.

Setshwantsho
Batlhabani ba lwa

Hilamene le batlhabani ba gagwe ba ne ba lwa dintwa dile mmalwa kgatlhanong le Balamane. Makawana a ba ne ba obamela ditaelo tsotlhe tsa ga Hilamene.

Setshwantsho
batlhabani morago ga tlhabano

Ba lole ka bopelokgale mme ba thusa go lelekela mmaba go sele. Morago ga tlhabano Hilamene o fitlhetse fa barwa ba gagwe botlhe ba golafetse mme go se a le mongwe yo o bolailweng.

Setshwantsho
Hilamene le motlhabani

E ne e le dikgakgamatso. Hilamene o ne a itumetse thata. O ne a itse fa makawana a a ne a sireleditswe ka ntlha ya tumelo ya bone e e kgolo mo Modimong.