Scripture Stories
Kgaolo 17: Alema le Batho ba Gagwe ba Falola


Kgaolo 17

Alema le Batho ba Gagwe ba Falola

Setshwantsho
batho ba bereka mo tshimong

Tsatsi lengwe fa batho ba ga Alema ba ntse ba bereka mo masimong a bone, batlhabani ba Balamane ba kgabaganyetsa molelwane mo lefatsheng la bone.

Setshwantsho
Alema a bua le batho.

Banefi ba ne ba tshogile mme ba siela kwa toropo kgolo go sireletsega. Alema o ba boleletse go gakologelwa Modimo mme o tlaa ba thusa. Banefi ba simolola go rapela.

Setshwantsho
Alema a bua le Balamane

Morena o nolofaditse dipelo tsa Balamane, mme ba seka ba tlhokofatsa Banefi. Balamane ba ne ba latlhega fa ba leka go batla batho ba ga Kgosi Limihi

Setshwantsho
Alema a supegetsa Balamane tsela go ya gae.

Balamane ba solofetsa Alema gore ga ba ka ke ba tshwenya batho ba gagwe fa a ka bolelela ka fa ba ka boelang lefatsheng la bone. Alema o ba supegeditse tsela.

Setshwantsho
Balamane ba disitse batho ba ga Alema

Mme Balamane ba seka ba tshegetsa tsholofetso ya bone. Ba ne ba baya badisa go dikologa lefatshe, mme Alema le batho ba gagwe ba bo ba sa tlhole ba gololesegile.

Setshwantsho
Amulone a bua le modisa wa Molamane.

Kgosi ya Balamane a dira Amulone mmusi godimo ga batho ba ga Alema. Amulone e ne e le Monefi le moperesiti o boikepo wa ga Kgosi Noa.

Setshwantsho
Amulone a lebeletse batho ba bereka

Amulone a dira batho ba ga Alema go bereka thata. Ba rapelela thuso, mme Amulone a re mongwe ope a ka tshwarwang a rapela o tla bolawa. Batho ba tswelela ba rapela mo dipelong tsa bone.

Setshwantsho
mosimane a tshotse seroto

Modimo a utlwa dithapelo tsa bone le go nonofatsa batho gore tiro ya bone e nne ekete e motlhofo. Batho ba ne ba itumetse e bile ba le bopelotelele.

Setshwantsho
Modimo a bua le Alema

Modimo o ne a kgatlhiwa ke gore batho ba ne ba le boikanyego. O ne a bolelela Alema gore o tlaa ba thusa go falola Balamane.

Setshwantsho
Batho ba ga Alema ba falola

E rile bosigo batho ba kgobokanya dijo tsa bone le diphologolo. Moso o o latelang Modimo a tshwarisa Balamane boroko fa Alema le batho ba gagwe ba tlogela toropo kgolo.

Setshwantsho
Kgosi Mosia a amogela Alema

Marago ga go tsamaya malatsi a 12, batho ba goroga kwa Sarahemola, kwa Kgosi Mosia le batho ba gagwe ba ba amogetseng.