Scripture Stories
Kgaolo 41: Ditshupo tsa Botsalo jwa ga Keresete


Kgaolo 41

Ditshupo tsa Botsalo jwa ga Keresete

Setshwantsho
Nefi o naya ditshupo go morwa

Nefi, morwa Hilamene, a naya ditshupo le dikwalo tse di boitshepo go morwae yo motona, Nefi.

Setshwantsho
batho ba bua

Banefi ba bonye ditshupo tse dikgolo le masaitsiweng a baperofeti ba rileng a tlaa diragala pele ga botsalo jwa ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
batho ba nyenya

Mme bangwe ba Banefi ba rile motlha wa botsalo jwa ga Jeso o setse o fitile. Ba sotla ba ba neng ba santse ba dumela diperofeso tsa ga Samuele wa Molamane.

Setshwantsho
batho ba reeditse monna-mogolo

Batho ba ba neng ba dumela mo go Jeso Keresete le baperofeti ba ne ba utlwile botlhoko go akanya gore sengwe se ka kganela diperofeso go diragadiwa.

Setshwantsho
lelwapa le leletse

Batho ba lebelela ka boikanngo bosigo jo bo senang lefifi, se e neng e le tshupo ya gore Jeso Keresete o tlaa tsholwa.

Setshwantsho
banna ba loga segwenegwene

Ba ba neng ba sa dumele mo go Jeso Keresete ba ne ba itshenkela letsatsi go bolaya badumedi fa ditshupo di sa diragale.

Setshwantsho
Nefi

Nefi o ne a hutsafetse ka ntlha ya boikepo jwa bao ba ba neng ba sa dumele mo Mmoloking.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Nefi a rapelela batho letsatsi lotlhe ba ba neng ba tlile go bolawa.

Setshwantsho
Nefi

Morena o ne a gomotsa Nefi a bo a mmolelela gore ga go kitla go nna lefifi bosigo joo. Jeso o tlaa tsholwa letsatsi le le latelang kwa Bethelehema.

Setshwantsho
lelwapa le lebile letsatsi go phirima

Bosigo joo letsatsi le ne la phirima, mme ga seka ga nna lefifi. Ditshupo tsa botsalo jwa ga Jeso Keresete di tlile. Batho ba ne ba gakgametse.

Setshwantsho
Batho ba ba boikepo mo mmung

Bao ba ba neng ba ikaeletse go bolaya badumedi ba ne ba wela fatshe mme ba bonala e kare ba sule.

Setshwantsho
banna ba babedi

Ba ne ba tshogile ka ba ne ba le bosula. Jaanong ba ne ba itse fa Mmoloki a tlaa tsholwa le gore baperofeti ba ne ba le nnete.

Setshwantsho
batlhabani mo tshimong

Go nnile lesedi bosigo jotlhe. Fa letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang, batho ba ne ba itse fa Jeso Keresete a tshotswe letsatsi leo. Diperofeso di diragaditswe.

Setshwantsho
batho ba bona naledi e ntsha

Naledi e ntsha ya bonala mo loaping, fela jaaka baperofeti ba buile gore e tlaa bonala.

Setshwantsho
mosadi le monna ba leletse

Satane a leka go dira gore batho ba se dumele ditshupo tse ba di boneng, mme bontsi jwa dumela.

Setshwantsho
Nefi a kolobetsa monna

Nefi le baeteledipele ba bangwe ba Kereke ba kolobetsa botlhe bao ba ba dumelang e bile ba ikwatlhaile.

Setshwantsho
batho mo toropong

Go ne go na le mafoko a boitumelo mo lefatsheng gonne mafoko a baperofeti a ne a diragaditswe. Jeso Keresete o tshotswe.