Scripture Stories
Kgaolo 53: Moroni le Dithuto tsa Gagwe


Kgaolo 53

Moroni le Dithuto tsa Gagwe

Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng

Morago ga go swa ga ga Momone, Moroni o ne a le esi. A wetsa ditshupo tse rraagwe a di mo neetseng

Setshwantsho
Moroni a bona Joseph Smith

Moroni o ne a itse fa ka letsatsi lengwe dipapetlana tsa gauta di tlaa ntshiwa mo mmung.

Setshwantsho
dipatagane le Buka ya ga Momone

Mafoko a a mo dipapetlaneng tsa gauta a bolela ka ga Jeso Keresete. Di supa tshupo le go ruta batho gore ba ka tshela ka tshiamo jang.

Setshwantsho
Balamane ba gapa Banefi

Balamane ba baikepi ba bolaile Monefi mongwe le mongwe yo o sa kakeng a latola Jeso Keresete.

Setshwantsho
Moroni a iphitlhela Balamane

Moroni ga a ikitla a latola Jeso Keresete O ne a tsamaya go dikologa, a iphitlhela Balamane.

Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng tsa gauta

Moroni o kwadile thata mo dipapetlaneng tsa gauta, bogolo go Balamane ba malatsi a bofelo.

Setshwantsho
makawana a segofatsa sakaramente

O kwadile dilo tse di botlhokwa di le dintsi, go akaretsa mafoko a thapelo ya sakaramente

Setshwantsho
batho ba kolobediwa

Moroni o kwadile gore batho fela ba ba ka kolobediwang ke bao ba ba eletsang go ikwatlhaela dibe tsa bone le go direla Jeso Keresete.

Setshwantsho
Jeso Keresete

Moroni o ne a batla gore mongwe le mongwe a dumele mo go Jeso Keresete le go mo itse. O rile sengwe le sengwe se se molemo se tswa mo go Keresete.

Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng

Moroni o kwadile gore fa batho ba rata Modimo le go mo etsa, ba ka nna boitekanelo.

Setshwantsho
Moroni

Moroni o ne a itse gore fa a sena go swa o tlaa tsosiwa mme o tlaa nna le Rraetsho wa Legodimo le Jeso Keresete.