Scripture Stories
Kgaolo 54: Tsholofetso ya Buka ya ga Momone.


Kgaolo 54

Tsholofetso ya Buka ya ga Momone

Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng

Pele ga Moroni a katela dipapetlana la bofelo a kwala tsholofetso go Balamane le go mongwe yo a ka balang ditshupo.

Setshwantsho
mosimanyana a bala dikwalo tse di boitshepo

A bolelela batho go bala ditshupo, go akanya ka mmanete ka ga tsone, mme ke gone ba lope Rraetsho wa Legodimo fa di le boammaaruri.

Setshwantsho
mosimanyana a rapela

Moroni a solofetsa gore fa batho ba ka lopa ka tlhwaafalo, ka tumelo mo go Keresete, Mowa o o Boitshepo o ka ba thusa go itse gore ditshupo di boammaaruri.

Setshwantsho
Moroni a kwala mo dipapetlaneng

Moroni a kwala gore fa batho ba ikwatlhaya, ba sala morago Jeso Keresete, le go rata Rraetsho wa Legodimo, ba ka nna ba itekanetse.

Setshwantsho
Moroni a fitlha dipapetlana tsa gauta

Fa Moroni a wetsa go kwala mo dipapetlaneng tsa gauta, a di fitlha mo letloleng la letlapa mo Thabeng ya Khomora mme a bipa letlole ka lentswe le le tona. Botshelo jwa gagwe bo ne bo weditswe.