Scripture Stories
Kgaolo 20: Alema le Niho


Kgaolo 20

Alema le Niho

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana le ba bangwe

Pele ga Kgosi Mosia a swa, Banefi ba itshenkela baatlhodi go ba etelelapele. Alema yoo Mmotlana o nna moatlhodi mogolo wa ntlha. O ne le gone e le moeteledipele wa Kereke.

Setshwantsho
Niho o ruta maaka

Monna yoo motona, a le thata a bidiwa Niho a simolola go ruta maaka. A re mongwe le mongwe o tlaa bolokwa e ka nne ba le molemo kgotsa bosula. Batho ba le bantsi ba dumela Niho.

Setshwantsho
Giteone le Niho

Niho a rera kgatlhanong le Kereke ya Modimo, mme monna mongwe wa mosiami yoo bidiwang Giteone a e femela. Niho o ganetsanya le Giteone, mme Giteone o bua ka mafoko a Modimo.

Setshwantsho
Niho a bolaya Giteone

Niho o ne a galefa mme a somola tshaka ya gagwe mme a bolaya Giteone.

Setshwantsho
Niho a tseelwa go Alema

Niho o ne a tseelwa go Alema go ya go atlholwa. Niho o ipuelela ka bopelokgale.

Setshwantsho
Alema le Niho

Mme Alema a re Niho o molato ka ntlha ya go bo a rutile batho go nna boikepo le go bo a bolaile Giteone.

Setshwantsho
Alema

Alema a re Niho o tshwanetse go otlhaelwa go bolaya Giteone. Ka fa molaong, Niho o tshwanelwa ke go swa.

Setshwantsho
Niho a bolaiwa.

Niho o ne a tseelwa kwa thabeng e e gautshwane mme a bolawa. Pele a a swa o ne re sengwe le sengwe se a se rutileng e ne e le phoso. Mme batho ba le bantsi ba ne ba santse ba dumela dithuto tse di bosula tsa ga Niho.

Setshwantsho
Batho ba sotlakakiwa

Batho ba ratile mahumo mme ga ba kake ba tshegetsa ditaelo tsa Modimo. Ba ne ba sotlaka maloko a Kereke le go ba ganetsa le go lwa le bone.

Setshwantsho
bobedi bo sotlakakiwa

Batho ba ba siameng ba tswelela go obamela ditaelo mme ba sa ngongorege le fa balatedi ba ga Niho ba ba tlhokofatsa.

Setshwantsho
banna ba abelana

Maloko a Kereke a abelana sengwe le sengwe se baneng ba na le sone le bahumanegi, mme ba tlamela balwetsi. Ba obamela ditaelo, mme Modimo a ba segofatsa.