Scripture Stories
Batho ba o tshwanetseng go ba itse


Batho ba o tshwanetseng go ba itse

Abinadi

Moperofeti yo o rometswe go ruta Kgosi Noa, yo a dirileng Abinadi go tshubelwa go swa.

Alema

Moperisiti wa ga Kgosi Noa yo o neng a dumela dithuto tsa ga Abinatae mme morago a nna moeteledipele wa Kereke.

Alema yo Mmotlana

Morwa wa ga Alema yo o ne a tsuologela le go leka go senya Kereke mme a nnile le phetogo ya pelo a bo a simolola go ruta efangele. O ne a nna moeteledipele wa Kereke le moatlhodi mogolo wa ntlha.

Amalekia

Moikepi yo a ne a batla go nna kgosi ya Banefi mme a ka bo a tlositse kgololesego ya batho. E rile fa a sa nne kgosi, a tloga go ya go ikopanya le Balamane.

Amarone

Mosiami yo a neetseng Momone dikwalo gore jalo di ka bolokesega

Amone, batho ba

Balamane ba sokolotswe ke barwa Mosia. Batho ne ba fitlha dibolao tsa bone mme ba dumalana go se kitla ba lwa gape.

Amone1

Moeteledipele wa setlhopha sa Banefi go tswa Sarahemola ba ba neng ba ya kwa lefatsheng la Banefi mme ba thusitse Banefi koo go falola

Amone2

Mongwe wa barwa ba ga Mosia yo a ne a sireletsa letsomane la ga Kgosi Lamoni mo magodung. O rutile e bile o sokolotse Balamane ba bantsi ka nako ya thomo ya gagwe.

Amuleke

Morongwa wa mopati wa ga Alema yo Mmotlana Ba ne ba tsengwa mo kgolegelong mme ba dirisa thata ya Modimo go dira mabota a kgolegelo a we.

Amulone

Moperisiti wa moikepi wa ga Kgosi Noa yo a ne a dirwa molaodi godimo ga batho ba ga Alema. A ba dira gore ba dire ka thata e bile a tshositse go bolaya mongwe yo o ka tshwarwang a rapela.

Arone

Morwa wa ga Kgosi Mosia le morongwa go Balamane

Atamo

Motho wa ntlha mo lefatsheng

Baamaleki

balatedi ba ga Amaleki Ba baya letshwao le lehibidu mo diphatleng tsa bone mme ba ikopanya le Balamane.

Baenthae-Nefi-Lehi

(bona Amone, batho ba ga)

bagololesegi

Banefi ba ba ne ba batla kgololesego go tshela le go obamela jaaka ba itshenkela. Ba ne ba buswa ke baatlhodi e seng kgosi.

Bajarete

Balatedi ba ga Jarete le monnawe ba ba neng ba tlogela Babela mme ba tsamaela kwa lefatsheng la tsholofetso mo mekorong

Balamane

Dikokomana kgotsa balatedi ba ga Lamane le Lemuele kgotsa batho ba ba ganneng efangele.

Banefi

balatedi ba ga Nefi kgotsa batho ba ba neng ba amogetse efangele

banna ba kgosi

Banefi ba ba neng ba batla go buswa ke kgosi, e seng baatlhodi. E rile ba retelelwa ke go nna le kgosi, ba ikopanya le Balamane mme ba tlhasela Banefi.

Basoramo

Batho ba ba boikepo ba e kileng ya bo e le ba kereke ya Modimo. Ba ne ba rapela mo teng ga disenagoge mo setlhomong se se bidiwang Remianpothamo.

Benjamine, Kgosi

Kgosi ya mosiami yo a ne a ema mo kagong e e godileng go ruta batho ba gagwe ka ga Jeso Keresete

dikete tse pedi tsa makawana a batlhabani

Mophato wa ntwa wa makawana a Baamone ba ba gogwang ke Hilamene. Ba ne ba tlhabana gore batsadi ba bone, ba ba dumalaneng go sa lwe, ba se tshwanelwe ke go lwa.

Efa

Mosadi wa ntlha mo lefatsheng

Emaleki

Moikepi yo a ne a batla go nna kgosi ya Banefi. E rile fa a sa nne kgosi, ene le balatedi ba gagwe ba tloga, ba tlhasela Banefi, mme ke gone ba ikopanya le Balamane.

Enose

Morwa Jakobe yo a ne a rapela letsatsi lotlhe le go ya mo bosigong. O rapeletse Banefi le Balamane.

Ethere

Moperofiti yo a ne a tlhagisa Bajarete go ikwatlhaya mme a kwadile ka ga tshenyo ya bone

Gideone

Monefi wa mosiami yo a ne a femela Kereke mogang Niho a simolola go ruta batho maaka. Niho a mmolaya

Hakofe

Monefi wa moagi wa sekepe yo o ne a tsaela Banefi ba bantsi kwa lefatsheng mo bokone

Hilamene

Morwa yo mogolo wa ga Alema yo Mmotlana O ne a newa dipapetlana mme a bolelelwa go kwala ditso tsa batho ba gagwe. O ne le gone e le moeteledipele wa batlhabani ba makawana a a 2,000.

Himonae

Morwa wa ga Kgosi Mosia le morongwa go Balamane

Ishemaele

Monna a tswa Jerusalema yo a neng a etela kwa lefatsheng la tsholofetso lelwapa la ga Lehi. Barwaadie ba ne ba nyala barwa ba ga Lehi.

Jakobe

Morwa wa ga Lehi le Saria. O ne a lebagana le Shereme, yo o rileng Keresete ga teng.

Josefe

Morwa wa mosiami wa ga Lehi le Saria yo o ne a tsholwa mo nageng.

Joseph Smith Jr.

Moperofeti wa malatsi ano yo a ranotseng Buka ya ga Momome go tswa mo dipapetlaneng tsa gauta.

Khorianthama

Kgosi ya moikepi yo e neng e le Moyarede wa bofelo go tshela

Khoriho

Moikepi yo o neng a batla tshupo go tlhomamisa gore Modimo o tshedile. Modimo a naya Khoriho tshupo ka go tlosa lentswe la gagwe.

Korianthene

Morwa Alema yo Mmotlana yo a neng a se boikanyego le morongwa wa mosiami

Labane

Moikepi mo Jerusalema yo o reteletsweng ke go naya dipapetlana tsa kgotlho go barwa Lehi.

Lamane

Morwa yo mogolo wa ga Lehi le Saria. O ne a le boikepo mme a tsuologetse Modimo.

Lamane, Kgosi

Kgosi ya Balamane e e boikepo yo o neng a neela Sinifo le balatedi ba gagwe ba Banefi metse e mebedi mme a tloga a ba tlhasela

Lamoni, Kgosi

Kgosi ya Balamane yo o ne a rutiwa efangele mme a dumela. Amone2 o femetse letsomane la kgosi mo magodung.

Lamoni, rraagwe Kgosi

Kgosi ya Balamane yo o ne a rutiwa efangele mme a dumela. O rile o tlaa neela tsotlhe dibe tsa gagwe go itse Modimo.

Lehi1

moperofeti yo o neng a tlhagisa gore Jerusalema o tlaa sengwa. O ne a reetsa fa Modimo a ne a mmolelela go tsaya lelwapa la gagwe go ya mo nageng.

Lehi2

Morwa Hilamene. Ene le monnawe, Nefi, ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong mme ba dikaganyeleditswe ke molelo.

Lemuele

Morwa wa moikepi wa ga Lehi le Saria

Limihi, Kgosi

Morwa yo o molemo wa ga Kgosi Noa yo o boikepo. Ene le batho ba gagwe ba ne ba le batlhanka ba Balamane mme ba falotse.

Maria

Mmaagwe Jeso

Momone

Moeteledipele wa mophato wa ntwa wa Banefi mme mongwe wa bofelo wa ba baperofeti ba Banefi. O kgobokantse Buka ya ga Momone

monnawe Jarete

Moperofeti yo a neng a lopa Jeso go ama matlapa a le 16 gore a ka bonesa mo mekorong eo Bajarete ba ne ba e dirisa go tsamaya kwa lefatsheng la tsholofetso

Moroni

Morwa Momone le wa bofelo moperofeti wa Monefi O ne a fitlha dipapetlana tsa gauta mme moraga a bonala go Joseph Smith jaaka moengele.

Moroni, Mokapoteini

Moeteledipele wa mosiami wa mophato wa ntwa wa Banefi. O dirile setlhogo sa kgololesego mme a bolelela mophato wa ntwa wa gagwe go tlhabanela kgololesego ya bone.

Morwa Mosia

Barwa Kgosi Mosia: Arone, Amone 2 Himonae, Omona, ba ba neng ba le borongwa ba ba gankafadi go Balamane

Mosia, Kgosi

Ya bofelo kgosi ya Monefi. O ne a na le barwa ba le bane.

Nefi1

Morwa wa mosiami wa ga Lefi le Saria. O ne a tsaya dipapetlana tsa kgotlho mo go Labane mme a aga sekepe se se neng sa tsaya lelwapa la gagwe go ya lefatsheng la tsholofetso.

Nefi2

Morwa Hilamene. Ene le monnawe, Lehi, ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong mme ba dikaganyeditswe ke molelo. Nefi a dira leuba go ruta batho go ikwatlhaya.

Nefi3

Mosiami yo o neng a itshenketswe ke Jeso Keresete go nna morutwana le moeteledipele wa kereke

Niho

Moikepi yo o ne a ganetsana ka bopelokgale kgatlhanong le Kereke ya Modimo. O ne a bolaya Gideone mme a bolawa.

Noa, Kgosi

Kgosi ya Banefi ya moikepi yo o neng a rata mahumo mme a rutile batho ba gagwe go nna boikepo. Batho ba gagwe ba mo tshubela go swa.

Omona

Morwa wa ga Kgosi Mosia le morongwa go Balamane

Phahorane

Moatlhodi mogolo wa Banefi yo a neng a thusa Mokapoteini Moroni go fenya Banefi ba ba boikepo

Samuele wa Molamane

Moperofeti yo o perofesitseng go Banefi ka ga ditshupo tsa go tsalwa ga ga Jeso Keresete le loso

Sarahemola

Moeteledipele wa Balamane yo o neng a tlhabana le Banefi mme a ne a ba batla go nna batlhanka ba gagwe. O ne a kgaolwa segata mo tlhabanong kgatlhanong le batlhabani ba ga Mokapoteini Moroni.

Saria

Mosadi wa ga1 Lehi

Seme

Morwa wa mosiami wa ga Lehi le Saria

Senife

Moeteledipele wa mosiami yo o neng a tsaya setlhopha sa Banefi go tswa Sarahemola go lefatshe la ga Nefi, kwa ba nnileng batlhanka ba kgosi Lamane wa moikepi

Shereme

Monefi wa moikepi yo o ne a batla tshupo pele a dumela mo go Jeso Keresete

Shise

Mojarete yo o boikepo yo o gogetseng mophato wa ntwa kgatlhanong le Khorianthama mme e ne e le mongwe wa bofelo wa Bajarete ba ba tshelang

Sianthamo

Morwarraagwe le mmolai wa ga Sisoramo

Sisoramo

Moatlhodi mogolo yo o neng a bolawa ke morwarraagwe

Sisoramo

Mmueledi yo o ne a ntshetsa Amuleke madi go bua gore Modimo ga a teng. Alema yo Motlana o ne a mo ruta efangele mme o ne a ikwatlhaya.

Soramo

Motlhanka wa ga Labane yo o neng a tsamaya le lwapa la ga Lehi kwa lefatsheng la tsholofetso