Scripture Stories
Kgaolo 43: Jeso Keresete o Iponatsa kwa Banefing


Kgaolo 43

Jeso Keresete o Iponatsa kwa Banefing

Setshwantsho
Banefi ba phuthega

Bontsi jwa Banefi ba ne ba phutegela kwa tempeleng mo Bountiful. Ba ne ba gakgamaditswe ke diphetogo tse di kgolo mo lefatsheng.

Setshwantsho
batho ba bua

Batho ba ne ba bua ka ga Jeso Keresete le ka ditshupo tsa loso la gagwe.

Setshwantsho
Batho ba utlwa lentswe le le sisibetseng

Ya re ba bua, ba utlwa lentswe le le sisibetseng go tswa kwa legodimong. La dira gore pelo tsa bone di fise.

Setshwantsho
monna a tshwere mosadi

Kwa ntlheng ba ne ba sa tlhaloganye lentswe, mme e rile le bua lobaka lwa boraro, ba le tlhaloganya.

Setshwantsho
Batho ba reeditse

Lentswe e ne e le la ga Rraetsho wa Legodimo. Le ba itsese Jeso Keresete mme la bolelela batho gore ba mo reetse.

Setshwantsho
Jeso mo gare ga batho

Jeso o fologile mo legodimong mme a ema mo gare ga batho. Ba ne ba tshogile go bua gonne ba ne ba sa tlhaloganye se se neng se diragala. Ba ne ba akanya gore Jeso ke moengele.

Setshwantsho
Jeso a bua le batho

O ne a ba bolelela gore ke Jeso Keresete, ene yo baperofeti ba rileng o tlaa tla.

Setshwantsho
Jeso le batho

Jeso o ne a bolelela batho go tla go utlwa dipadi mo letlhakoreng le mo diatleng le dinao, fa a neng a kokotetswe mo mokgorong.

Setshwantsho
Jeso a ntse le bana

Jeso o ne a batla gore batho ba itse fa e le Modimo wa bone le gore o swetse dibe tsa bone.

Setshwantsho
Keresete le Banefi

Ka bongwe ka bongwe ba utlwa dipadi mo letlhakoreng la ga Jeso, mo diatleng, le mo maotong. Batho ba ne ba itse fa e le Mmoloki.

Setshwantsho
Batho ba obamela Jeso

Ke gone batho ba galaletsa Jeso mme ba wela fa dinaong tsa gagwe ba mo obamela.

Setshwantsho
Jeso o fa banna boperisiti

Jeso a biletsa Nefi le banna ba bangwe ba le 11 go ene. A ba fa thata ya boperesiti mme a ba ruta tsela e e siameng ya go kolobetsa.

Setshwantsho
Jeso a ruta batho

A bolelela Banefi go dumela mo go ene, go ikwatlhaya, le go tshegetsa ditaelo. Fa ba sa dire jalo, ga ba kitla ba tsena ka bogosi jwa gagwe.

Setshwantsho
Jeso a ruta batho

O rutile Banefi ka fa ba ka rapelang go Rraetsho wa Legodimo ka gone. A ba ruta le gone ka ga go ikitsa dijo mme a re ba tlaa itshwarelwa fa ba ka itshwarelana.

Setshwantsho
Jeso a ruta batho

Morago ga go ruta batho dilo tse dintsi, Jeso a ba bolelela gore ba ye gae le go rapela ka ga se a se buileng.

Setshwantsho
Banefi ba lela

Banefi ba simolola go lela. Ba ne ba sa batle Jeso a ba tlogela.

Setshwantsho
Jeso a ruta batho

Jeso o ratile Banefi. A ba bolelela go tlisa batho ba ba neng ba lwala kgotsa ba gobetse kwa go ene gore jalo a ka ba fodisa.

Setshwantsho
Jeso o fodisa bana

Jeso a fodisa batho ba. Mongwe le mongwe a inama mme ba mo obamela.