Scripture Stories
Kgaolo 24: Amone o kopana le Rraagwe Kgosi Lamoni


Kgaolo 24

Amone o kopana le Rraagwe Kgosi Lamoni

Setshwantsho
Lamoni a bua le Amone

Kgosi Lamoni o ne a batla go tsaya Amone go kopana le rraagwe. Morena a tlhagisa Amone go sa tsamaye gonne rraagwe Lamoni o tlaa leka go mmolaya.

Setshwantsho
Amone le Lamoni

Morena o boleleletse Amone go tsamaya mo boemong jwa lefatshe la Miditoni, kwa mokaulengwe wa gagwe Arone a neng a le mo kgolegelong. Kgosi Lamoni o tsamaya le Amone.

Setshwantsho
Amone le Lamoni le rraago Lamoni

Jaaka ba tsamaya ba kopana le rraagwe Kgosi Lamoni, yo e neng e le Kgosi ya lefatshe lotlhe. A botsa Lamoni gore o ya kae le Monefi o o maaka.

Setshwantsho
Lamoni, Amone, le rraagwe Lamoni

Kgosi Lamoni o boleletse rraagwe ka Amone le mokaulengwe wa gagwe o a neng a le mo kgolegelong. A sakgetse, rragwe Lamoni a laela Lamoni go bolaya Amone le go sa e Miditonae.

Setshwantsho
Rragwe Lemonae a leka go bolaya Lemonae

Lamoni o ganne go bolaya Amone mme o ne a re e ne le Amone ba ya go golola Arone. Rraagwe Lamoni a galefa le go ntsha tshaka ya gagwe go bolaya Lamoni.

Setshwantsho
Amone a ntsha rragwe Lemonae dintho

Amone a gatela pele go babalela Lamoni. Rraagwe Lamoni jalo a leka go bolaya Amone, mme a itshereletsa le go gobatsa letsogo la ga rraagwe Lamoni.

Setshwantsho
Amone le rraagwe Lamoni

Fa rragwe Lamoni a bona gore Amone o ka mmolaya, a mo solofetsa sephatlo sa bogosi jwa gagwe fa a ka rekegela botshelo jwa gagwe

Setshwantsho
Amone a bua le Rraagwe Lamoni

Amone o re o batla Arone le bapati ba gagwe ba gololwe mo kgolegelong le gore Lamoni a kgone go tshegetsa bogosi jwa gagwe.

Setshwantsho
Amone a baakanya ntho ya kgosi

Rraagwe Lamoni o lemogile gore Amone o ne a sa batle go mo utlwisa botlhoko. O ne a gakgamalelela selekanyo se Amone a ratang morwa wa gagwe O ne a laletsa Amone go mo ruta efangele

Setshwantsho
Kgosi Lamoni a bua le kgosi ya Miditoni

Amone le Kgosi Lamoni ba ile kwa Miditoni. Lamoni o buile le kgosi gone koo, mme Arone le bapati ba gagwe ba gololwa mo kgolegelong.

Setshwantsho
Arone le bapati ba golotswe

Amone o ne a hutsafetse go bona ka fa ba sotlilweng ka teng. Ba ne ba sotlegile thata mme ba nnile pelotelele.