Scripture Stories
Kgaolo 21: Baamaleki


Kgaolo 21

Baamaleki

Setshwantsho
Amaleki le balatedi ba gagwe

Amaleki o ne a le botlhale, monna yoo boikepo yoo a neng a batla go nna kgosi ya Banefi O ne a na le balatedi ba bantsi

Setshwantsho
batho ba lebeletse Amaleki

Basiami ba Banefi ba ne ba sa batle Amaleki go nna kgosi ya bone. Ba ne ba itse a batla go senya Kereke ya Modimo.

Setshwantsho
Banefi ba bua

Banefi ba kgobokane fale le fale mo ditlhophaneng go akantshana gore a Amaleki a ka nna kgosi. Bontsi jwa batho jwa tlhoha kgatlhanong le Amaleki, mme a seka a nna kgosi.

Setshwantsho
Amaleki le balatedi ba gagwe

Amaleki le balatedi ba gagwe ba galefa. Ba tlogela Banefi, ba dira Amaleki kgosi ya bone, mme ba ipitsa Baamaleki. Amaleki a ba laola go lwantsha Banefi.

Setshwantsho
Banefi ba dira metswi

Basiami ba Banefi ba ipaakanyetsa go itshireletsa ka mara le metswi, ditshaka le tse dingwe dibolai.

Setshwantsho
Banefi ba fenya Baamaleki

Baamaleki ba tlhasetse, mme Banifae, ba ba neng ba eteletswe pele ke Alema le go nonotshiwa ke Morena, ba bolaya bontsi jwa bone. Ba bangwe ba Baamaleki ba sia.

Setshwantsho
Ditlholwa tsa ga Alema di lebeletse Baamaleki

Alema a romela ditlholwa go lebelela Baamaleki. Ditlholwa tsa ba bona ba gokagana le batlhabani ba bantsi ba Balamane mme ba tlhasela Banefi ba ba nnang gaufi le Sarahemola.

Setshwantsho
Banefi ba tlhabana le batlhabani Balamane-Baamaleki

Banefi ba rapela, mme Modimo a ba thusa gape. Ba bolaya bontsi jwa masole a batlhabani Balamane–Baamaleki.

Setshwantsho
Alema a bolaya Amaleki

Alema le Amaleki balwa mongwe le yo mongwe ka ditshaka. Alema a rapela gore botshelo jwa gagwe bo rekegelwe, mme Modimo a mo fa nonofo go bolaya Amaleki.

Setshwantsho
tlhabano

Banefi ba lelekela Balamane le Baamaleki mo nageng. Bontsi jwa ba ba go betseng ba swela koo mma ba jewa ke diphologolo tsa naga.

Setshwantsho
Baamaleki ba tshwaa diphatla

Jaaka Balamane, Baamaleki ba itshwaya ka bohibidu, mo go diragatsang perofeso. Baamaleki ba ikgaogantse go tswa mo ditshegofatsong tsa efangele.