Scripture Stories
Kgaolo 42: Ditshupo tsa Papolo ya ga Keresete


Kgaolo 42

Ditshupo tsa Papolo ya ga Keresete

Setshwantsho
monna a tshwere seatla sa mosetsana

Ngwaga tse masome a mararo le boraro di fetile fa e sa le batho ba bona ditshupo tsa matsalo a ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
batho ba lebile kwa loaping

Ba ne jaanong ba lebeletse ditshupo tsa loso lwa gagwe: malatsi a mararo a phifalo.

Setshwantsho
batho ba ganetsana

bangwe ba ne ba sa dumele fa ditshupo di tlaa tla. ba ganetsana le bao ba ba dumelang.

Setshwantsho
batho mo matsubutsubung

Letsatsi lengwe matsubutsubu a bogale a tla. Go ne go na le phefo e e boitshegang.

Setshwantsho
banna ba ntse

Legadima la bebenya, mme tumo ya maru ya tshikinya lefatshe ka bophara.

Setshwantsho
batho ba sia

Toropo ya Sarahemola ya kapa molelo. Toropo ya Moroni ya nwela mo lewatleng. Toropo ya Moroniha ya katelesega.

Setshwantsho
monna le bana

Thoromo ya lefatshe ya tshikinya lefatshe lotlhe. Ditsela tse di tona tsa mheru tsa thubega, le dikago tsa wa. Ditoropo tse dintsi di ne tsa sengwa, le batho ba bantsi ba ne ba bolawa.

Setshwantsho
matsubutsubu go kgabaganya lefatshe

matsubutsubu le thoromo ya lefatshe di tsweletse dioura tse di ka nnang tharo.

Setshwantsho
batho ba tsamaya mo lefifing

Fa matsubutsubu le thoromo ya lefatshe di ema, lefifi le le kitlanyeng la apesa lefatshe. Go se lesedi gope. Batho ba ne le bone ba utlwa lefifi.

Setshwantsho
lelwapa mo lefifing

Lefifi la tswelela malatsi a mararo. Dikerese tsa se ka tsa tuka, batho ba sa kgone go bona letsatsi, ngwedi, kgotsa dinaledi.

Setshwantsho
batho ba goa mo lefifing

Batho ba ne ba goa ka ntlha ya lefifi, tshenyego le dintsho. Ba ne ba utlwile botlhoko gore ga ba ikwatlhela dibe tsa bone.

Setshwantsho
batho mo lefifing

Batho ba utlwa lentswe la ga Jeso Keresete.

Setshwantsho
lefatshe le sentswe mo lefifing

Jeso a ba bolelela ka tshenyego e e boitshegang mo lefatsheng. O ne a re bontsi jwa baikepi ba bolailwe.

Setshwantsho
batho ba rapela mo lefifing

A re bao ba ba sa bolawang ba tlhoka go ikwatlhaya. Fa ba dirile jalo, mme ba tlile kwa go ene, o tlaa ba segofatsa.

Setshwantsho
batho mo lefifing

Batho bane ba gakgametse go le kalo fa ba sena go utlwa lentswe gore ba bo ba emisa go goa. Sengwe le sengwe se ne se didimetse dioura tse dintsi.

Setshwantsho
lelwapa mo lefifing

Ke gone Jeso o ne a bua gape, a re gantsi o lekile go thusa batho. Fa ba ka ikwatlhaya jaanong, ba sa ntse ba ka boela kwa go ene.

Setshwantsho
batho ba lebile kwa godimo

Morago ga malatsi a mararo lefifi la nyelela. Batho ba itumela mme ka boitumelo ba leboga Morena.