Scripture Stories
Kgaolo 33: Banna ba Kgosi kgatlhanong le Bagololesegi


Kgaolo 33

Banna ba Kgosi kgatlhanong le Bagololesegi

Setshwantsho
Phahorane o bua le ba bangwe

Bangwe ba ba Banefi ba ne ba batla moatlhodi mogolo, Phahorane, go fetola mengwe ya melao.

Setshwantsho
batho ba galefile

Fa Phahorane a gana, batho ba ne ba galefa mme ba batla go tlosa Phahorane jaaka moatlhodi mogolo. Ba ne ba batla go nna le kgosi, e seng baatlhodi.

Setshwantsho
banna ba babedi ba bua

Ba bidiwa banna ba kgosi, ba ne ba solofela fa mongwe wa bone a ka nna kgosi mme a nne le thata godimo ga batho.

Setshwantsho
setlhopha sa banna se rapela

Banefi ba ba neng ba batla go tshegetsa Phahorane jaaka moatlhodi mogolo ba ne ba bidiwa bagololesegi. Ba ne ba batla go gololesega go tshela le go obamela jaaka ba itshenkela.

Setshwantsho
batho ba tlhomagane go tlhopha

Batho ba tlhopha gareng ga bagololesegi le banna ba kgosi. Bontsi ba tlhopha bagololesegi.

Setshwantsho
Batlhabani ba Balamane

Mme ka nako eo, Amalekhiya o ne a phutha batlhabani ba ba tona ba Balamane go tlhasela Banefi.

Setshwantsho
banna ba kgosi

Fa banna ba kgosi ba utlwa fa Balamane ba tla, ba ne ba kgatlhega mme ba gana go thusa go sireletsa lefatshe la bone.

Setshwantsho
Moroni a lebile banna ba kgosi

Mokapoteini Moroni o ne a galefetse banna ba kgosi go sa lwe. O ne a dirile ka thata go tshegetsa Banefi ba gololesegile.

Setshwantsho
Moroni a bua le mmusi

O ne a kopa mmusi thata ya go dira banna ba kgosi go lwantsha Balamane kgotsa ba bolawe.

Setshwantsho
Mmusi a bua le Moroni

Fa mmusi, Phahorane, a naya Moroni thata e, Moroni a gogela batlhabani ba gagwe kgatlhanong le banna ba kgosi.

Setshwantsho
Banefi le Balamane ba tlhabana

Bontsi jwa banna ba kgosi ba ne ba bolawa; bangwe ba tsenngwa mo kgolegelong. Ba bangwe ba dumela go sireletsa lefatshe la bone kgatlhanong le Balamane.