Scripture Stories
Kgaolo 14: Abinadi le Kgosi Noa


Kgaolo 14

Abinadi le Kgosi Noa

Setshwantsho
Senife

Senife e ne e le kgosi ya mosiami ya setlhopha sa Banefi. Fa a tsofala, morwa wa gagwe Noa a nna kgosi.

Setshwantsho
Noa

Noa e ne e se kgosi e e molemo jaaka rraagwe. O ne a le boikepo mme a ka se obamele ditaelo tsa Modimo.

Setshwantsho
batho ba neela Kgosi Noa dithoto

O ne a pateletsa batho ba gagwe go mo neela bontlha bongwe jwa mabele a bone, diphologolo, gauta, le selefera.

Setshwantsho
Noa a ntse mo tafoleng ya selalelo

Kgosi Noa o ne a dira se gonne o ne a le setshwakga. O ne a dira Banefi ba mo neele sengwe le sengwe se a se tlhokang go tshela.

Setshwantsho
baperesiti ba ba siameng le ba ba boikepo

O ne a baya mo boemong jwa baperesiti ba ba siameng ba rraagwe a ba biditseng baperesiti ba ba boikepo. Baperesiti ba ba boikepo ba ba ruta batho go leofa.

Setshwantsho
lefelo la setulo sa bogosi le batlhokomedi

Kgosi Noa o ne a na le dikago tse dintsi tse dintle tse a di dirileng, go akaretsa ntlo e tona ya kgosi le setulo sa bogosi. Dikago di ne di kgabisitswe ka gauta, selefera, le legong la tlhwatlhwa.

Setshwantsho
Noa

Kgosi Noa o ne a rata mahumo a a tsereng mo bathong ba gagwe. Ene le baperesiti ba gagwe ba ne ba tsaya nako ya bone ba a nwa mofine le go nna boikepo.

Setshwantsho
Abinadi a rera boikwatlhao

Modimo o ne a romela moperofeti yo o bidiwang Abinadi kwa bathong ba ga Noa. Abinadi o ne a ba tlhagisa gore fa ba sa ikwatlhae, ba tlaa nna makgoba a Balamane.

Setshwantsho
Noa a ntse kwa tafoleng

Fa Kgosi Noa a utlwa se Abinadi a se buileng, o ne a galefa. O ne a romela banna go tlisa Abinadi mo ntlong e kgolo ya bogosi gore a mmolaye.

Setshwantsho
Abinadi a bua le kgosi

Abinadi o ne a tseelwa go kgosi Kgosi Noa le baperesiti ba gagwe ba mmotsa dipotso tse dintsi. Ba ne ba leka go mo gogela mo go bueng sengwe se se sa siamang.

Setshwantsho
Abinadi a bua le kgosi

Abinadi o ne a sa boife go araba dipotso tsa bone. O ne a itse gore Modimo o tlaa mo thusa. Baperesiti ba ne ba gakgamalela dikarabo tsa ga Abinadi.

Setshwantsho
Kgosi Noa a galefile

Kgosi Noa o ne a galefa mme a laela baperesiti ba gagwe go bolaya Abinadi. Abinadi a re fa ba ka mo kgoma, Modimo o tlaa ba bolaya.

Setshwantsho
Mowa o o Boitshepo wa sireletsa Abinadi

Mowa o o Boitshepo wa sireletsa Abinadi gore jalo a fetse go bua se Morena a batlang a se bua. Sefatllhogo sa ga Abinadi se ne se phatsima. Baperesiti ba ne ba boifa go mo kgoma.

Setshwantsho
Abinadi a bua

A bua ka thata go tswa Modimong, Abinadi a bolelela batho ka boikepo jwa bone. O ne a ba balela ditaelo tsa Modimo.

Setshwantsho
Marea, Josefa le losea Jeso

O ne a ba bolelela gore Jeso Keresete o tlaa tsholwa mo lefatsheng. Jeso o tlaa dira gore go kgonege gore batho ba ikwatlhae, ba tsoge, le go tshela le Modimo.

Setshwantsho
Jeso Keresete

Abinadi o ne a bolelela batho go ikwatlhaya le go dumela mo go Jeso Keresete kgotsa ba ka se bolokwe.

Setshwantsho
Abinadi a dirwa legolegwa

Kgosi Noa le botlhe fa e se a le mongwe wa baperesiti ba gagwe ba gana go dumela Abinadi. Noa a bolelela baperesiti go bolaya Abinadi. Ba ne ba mmofa mme ba mo latlhela mo kgolegelong.

Setshwantsho
Alema a bua le Kgosi Noa

Moperesiti a le mongwe yo a neng a dumela Abinadi o ne a bidiwa Alema. O ne a kopa Kgosi Noa go golola Abinadi.

Setshwantsho
Alema a iphitlhile.

Kgosi o ne a galefela Alema mme a re a latlhelwe kwa ntle. Foo a romela batlhanka ba gagwe go mmolaya. Alema a sia mme a iphitlha, mme batlhanka ba se ka ba tlhola ba mmona.

Setshwantsho
Abinadi fa pele ga ga Noa

Morago ga go nna malatsi a mararo mo kgolegelong, Abinadi gape a tlisiwa fa pele ga ga Kgosi Noa. Kgosi a bolelela Abinadi go boela morago se a se buileng kgatlhanong le ene le batho ba gagwe.

Setshwantsho
Kgosi Noa a galefile

Kgosi Noa a bolelela Abinadi gore fa a sa latole gotlhe mo a go buileng, o tlaa mmolaya.

Setshwantsho
Abinadi a bua

Abinadi o ne a itse fa a buile boammaruri. O ne a iketleeleditse go swa go na le go boela morago seo Modimo a mo romileng go se bua.

Setshwantsho
Abinadi a fisiwa

Kgosi Noa o ne a laela baperesiti ba gagwe go bolaya Abinadi. Ba ne ba mmofa, ba mo itaya,mme ba mo tshuba gore a swe. Pele fa a swa, Abinadi o rile Kgosi Noa le ene o tlaa swa ka molelo.

Setshwantsho
Balamane ba lwantsha batho ba ga Noa

Bangwe ba Banefi ba ganetsa Kgosi Noa mme ba leka go mmolaya. Batlhabani ba Balamane le bone ba tla go lwantsha kgosi le balatedi ba gagwe.

Setshwantsho
Kgosi le balatedi ba gagwe ba tshaba

Kgosi le balatedi ba gagwe ba tshaba mo Balamaneng, mme Balamane ba ba tshwara mme ba simolola go ba bolaya. Kgosi o ne a bolelela banna ba gagwe go tlogela malwapa a bone mme ba tswelele ba tshabe.

Setshwantsho
Balamane ba tshwara batho

Bontsi jwa banna ba seka ba tsamaya. Ba ne ba tshwerwe ke Balamane

Setshwantsho
banna ba galefelela Noa

Bontsi jwa banna ba ba tshabileng le Kgosi Noa ba ne ba utlwa botlhoko. Ba ne ba batla go boela morago le go thusa basadi ba bone le bana le batho ba bone.

Setshwantsho
Noa le banna ba bangwe

Kgosi Noa o ne a sa batle banna ba boela kwa malwapeng a bone. O ne a ba laela go nna le ene.

Setshwantsho
banna ba fisa Kgosi Noa

Banna ba ne ba galefelela Kgosi Noa. Ba ne ba mo tshuba gore a swe, jaaka Abinadi a perofetile. Ke gone ba boela kwa malwapeng a bone.