Scripture Stories
Kgaolo 46: Jeso Keresete o Ruta le go Rapela le Banefi


Kgaolo 46

Jeso Keresete o Ruta le go Rapela le Banefi

Setshwantsho
batho ba tsamaya bosigo

Banefi ba ba boneng Jeso Keresete ba ne ba bolelela ditsala tsa bone fa a tlaa boa letsatsi le le latelang. Batho ba le bantsi ba dira ka thata go tsena kwa Jeso a tlaa bo a le teng.

Setshwantsho
batho ba rapela

Moso o o latelang Nefi le barutwana ba bangwe ba ruta setlhopha se se neng se phuthegile. Barutwana jalo ba rapela gore ba ka amogela Mowa o o Boitshepo.

Setshwantsho
barutwana ba kolobediwa

Nefi a tsena mo metsing mme a kolobediwa. Ke gone a kolobetsa barutwana ba bangwe.

Setshwantsho
baengele ba tswa kwa legodimong

Morago ga ba kolobediwa, barutwana ba amogela Mowa o o Boitshepo. Ga lebega molelo o ba dikaganyeditse, mme baengele ba fologa go tswa kwa legodimong mme ba ba direla.

Setshwantsho
Jeso le baengele

Ya re baengele ba na le barutwana, Jeso a tla mme a nna mo gare ga bone.

Setshwantsho
Banefi ba rapela

Keresete a bolelela Banefi go khubama mo mmung. A bolelela barutwana ba gagwe gore ba rapele.

Setshwantsho
Jeso a rapela

Ya re ba rapela, Jeso a tsamaela kgakajana le batho mme a khubama a bo a rapela go Rraetsho wa Legodimo.

Setshwantsho
Jeso a rapela

Jeso Keresete a lebogela Rraetsho wa Legodimo go bo a neetse barutwana Mowa o o Boitshepo. Ke gone a kopa gore Mowa o o Boitshepo o neelwe mongwe le mongwe yo o dumelang mafoko a barutwana.

Setshwantsho
Jeso o segofatsa barutwana

Jeso o segofatsa barutwana ba gagwe fa ba santse ba rapela. A ba fa monyenyo, mme ba nna basweu jaaka sefatlhogo sa gagwe le seaparo.

Setshwantsho
Jeso a rapela le barutwana

Jeso a rapelela barutwana ba gagwe gape. O ne a kgatlhiwa ke tumelo ya bone e kgolo.

Setshwantsho
Jeso a bua le batho

Keresete a bolelela batho go emisa go rapela mme ba tswelele ba rapela mo dipelong tsa bone. Ke gone a ba naya sakaramente.

Setshwantsho
Jeso o segofatsa senkgwe

Go sena ope yo o tlileng ka senkgwe kgotsa mofine, mme Mmoloki a di ba fa ka tsela e e gakgamatsang.

Setshwantsho
Joseph Smith a tshotse dikwalo tse di boitshepo

Jeso Keresete a bolelela Banefi gore efangele ya gagwe e tlaa busediwa mo lefatsheng ka malatsi a bofelo.

Setshwantsho
Jeso a bua le Nefi

O ba boleletse gore ba bale dikwalo tse di boitshepo, mme a laola gore Nefi a kwale mo ditshupong tiragalo yotlhe ya perofeso ya ga Samuele wa Molamane.

Setshwantsho
Jeso a ruta go tswa mo dikwalong tse di boitshepo

Ke gone Jeso a ruta batho go tswa mo dikwalong tse di boitshepo. A ba bolelela go rutana dilo tse a di ba rutileng.

Setshwantsho
Nefi a kolobetsa

Jeso a boela legodimong, mme barutwana ba gagwe ba ruta batho. Bao ba ba neng ba dumela ba ne ba kolobediwa mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.

Setshwantsho
Nefi a tshotse maphutshi

Banefi ba simolola go obamela ditaelo tsotlhe.