Scripture Stories
Kgaolo 30: Alema o Gakolola Barwa Ba Gagwe


Kgaolo 30

Alema o Gakolola Barwa ba Gagwe

Setshwantsho
Alema a bua le Barwa ba gagwe

Alema o ne a sa itumele ka ntlha ya ka fa Banefi ba nnileng boikepo ka teng. O ne a bua le mongwe le mongwe wa barwa ba gagwe ka go tshela ka tshiamo.

Setshwantsho
moengele le Alema le barwa Mosia

Alema o bolelela Hilamene, morwa wa gagwe o motona, ikanye mo Modimong. A mmolelela ka moengele o Modimo a mo rometseng go bolelela Alema go emisa go senya Kereke.

Setshwantsho
Alema a boga mo bolaong

Malatsi a mararo Alema o ne a bogisega ka ntlha ya molato wa gagwe. Ke gone a gakologelwa dithuto tsa ga rraagwe ka ga Jeso, mme a itse fa dibe tsa gagwe di ka itshwarelwa.

Setshwantsho
Alema

Alema a rapelela maitshwarelo, mme boipelo jwa emisetsa botlhoko mo moweng wa gagwe. O ne a itshwarelwa gonne o ne a nna le tumelo mo go Jeso Keresete e bile a ikwatlhaile.

Setshwantsho
Alema a ruta

E sale jalo Alema a ruta ba bangwe efangele gore ba utlwe boipelo jo bo tshwanang le jo a bo utlwileng. Modimo o segofaditse Alema ka ntlha ya boikanyo jwa gagwe mo Modimong.

Setshwantsho
Alema a neela Hilamene mekwalo

Alema o neetse Hilamene mekwalo e e boitshepo mme a mmolelela go tswelela a kwala ditso tsa batho ba bone.

Setshwantsho
Alema a bua le Hilamene

Alema a mmolelela gore fa a tshegetsa ditaelo, Modimo o tlaa mo segofatsa le go mo thusa go sireletsa mekwalo.

Setshwantsho
Alema le Hilamene

Alema le gone a bolelela Hilamene go rapela moso mongwe le mogwe le bosigo le go bua le Modimo ka sengwe le sengwe a neng a se dira gore Modimo a tle a thuse go mo kaela.

Setshwantsho
Shibolone

Alema o ne a itumeletse morwa wa gagwe Shibolone, o e ntseng e le moanamisa efangele yoo pelokgale go Basoramo. Shibolone o ne a ikanyega le fa ba mo kgobotletsa ka maje.

Setshwantsho
Alema le Shibolone

Alema o gakolola Shibolone gore tsela e le nngwe fela go bolokwa ke ka Jeso Keresete. Alema jalo a kgothatsa morwa wa gagwe go tswelela a ruta efangele.

Setshwantsho
Khorianthene

Morwa wa ga Alema Korianthene o ne a sa tshegetsa ditaelo. O ne a seka a nna moanamisa efangele yo o siameng fa a ruta Basoramo.

Setshwantsho
Alema

Ka ntlha ya se Khoriathene a se dirileng, Basoramo ba seka ba dumela dithuto tsa ga Alema.

Setshwantsho
Alema le Khorianthene

Alema a bolelela khoriathene gore batho ga ba ka ke ba fitlha dibe tsa bone mo Modimong le gore Khoriathene o tlhokana le go ikwatlhaya.

Setshwantsho
Alema

Alema o ruta morwa wa gagwe gore mongwe le mongwe o tlaa tsosiwa mme fela basiami ba tlaa tshela le Modimo.

Setshwantsho
Alema le Khorianthene

Botshelo jo ke nako ya batho go ikwatlhaya le go direla Modimo, Alema a bua.

Setshwantsho
Alema a neela Khoriathene dikwalo tse di boitshepo

A gakolola Koriathene gore o ne a biditswe go nna moanamisa efangele, Alema a mmolelela gore a boele go Basoramo mme a ba rute go ikwatlhaya.

Setshwantsho
Alema le barwa ba gagwe ba ruta

Alema le barwa ba gagwe ba tswelela ka go ruta efangele. Ba ruta ka thata ya boperesiti.