Scripture Stories
Mafelo a o tshwanetseng go a itse


Mafelo a o tshwanetseng go a itse

Amerika

Lefatshe la tsholofetso le Modimo a kaetseng lelwapa la ga Lehi le Bajarete kwa go lone

Amoniha

toropo ya batho ba ba boikepo ba ba sekileng ba reetsa Alema yo Mmotlana le Amuleke

Babele

toropo ya batho ba ba boikepo ba agileng kago e e godileng gore ba ka pagamela kwa legodimong

Bethelehema

Motse o o gaufi le Jerusalema kwa Jeso Keresete a tsaletsweng gone

Bountiful1

lefelo le lelwapa la ga Lehi le thibeletseng mo go lone morago ga go tsamaya mo nageng dingwaga tse di ferangbobedi. Go tswa fa ba tsamaela kwa lefatsheng la tsholofetso

Bountiful2

lefelo le Jeso Keresete a ileng kwa go lone fa a lekotse Banefi

Jerusalema

toropo kwa Lehi a ne a perofesa go baikepi le lefelo kwa Jeso Keresete a rutileng gone le kwa a bapoletsweng gone

Jeshone

Lefatshe Banefi ba le neetseng batho ba ga Amone

lefatsheng la tsholofetso

lefatshe lepe le Modimo a gogelang batho ba gagwe ba ba itshenkentsweng gone. O gogetse lelwapa la ga Lehi le Bajarete kwa lefatsheng la tsholofetso.

Metsi a Momone

lefelo kwa Alema a kolobeditseng basokologi ba Banefi ba ba neng ba tlogela Kgosi Noa

Nefi

toropo e o Nefi le batho ba gagwe ba agileng gone morago ga go tlogela Lamane le Lemuele le baetsi ba bone

Sarahemola

Toropo e kgolo ya Banefi eo e neng e le boremelelo jwa puso le Kereke. Kgosi Mosia le Kgosi Benjamine ba nnile fa. Toropo e ne ya tshujwa ka loso la ga Jeso.

Sidome

Lefatshe le Alema yo Mmotlana a tlomamisitseng Kereke gone. Ya nna legae le lesha la basiami ba ba tlogetseng Amoniha.

Thaba ya Khomora

lefelo kwa Moroni a fitlhileng dipapetlana tsa gauta mme morago Joseph Smith a di bipolola