Scripture Stories
Kgaolo 4: Dipapetlana tsa Kgotlho


Kgaolo 4

Dipapetlana tsa Kgotlho

Setshwantsho
Lehi a bua le Nefi

Lehi o boleletse Nefi gore Morena o batla ene le barwarraagwe ba boela kwa Jerusalema. Ba ne ba tshwanetse go tsaya dipapetlana tsa kgotlho mo monneng yo o bidiwang Labane.

Setshwantsho
dipapetlana tsa kgotlho

Dipapetla tsa kgotlho e ne e le dipolelo tse di botlhokwa. Di bolelela ka ga borramogolwagolwane ba ga Lehi mme di na le mafoko a Modimo a a senotsweng ka baperofeti.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele

Lamane le Lemuele ba ne ba sa batle go boa go tsaya dipapetlana tsa kgotlho. Ba ne ba re go tlaa nna thata go dira. Ba ne ba sena tumelo mo Moreneng.

Setshwantsho
Lehi a bua le Nefi

Nefi o batla go obamela Morena. O itse gore Morena o tlaa ba thusa ene le barwarraagwe go tsaya dipapetlana tsa kgotlho mo go Labane.

Setshwantsho
Lamane, Lemuele, Seme le Nefi.

Lamane, Lemuele, Seme le Nefi ba tsaya loeto go boela kwa Jerusalema go tsaya dipapetlana tsa kgotlho.

Setshwantsho
Lamane a bua le Labane

Lamane o ne a ya kwa go Labane mme a mo kopa dipapetlana.

Setshwantsho
Lamane a taboga

Labane o ne a galefile mme a seka a neela Lamane dipapetlana tsa kgotlho. Labane o ne a batla go bolaya Lamane, mme Lamane a falola.

Setshwantsho
Lamane a bua le barwarraagwe

Lamane a bolelela barwarraagwe se se diragetseng. O ne a tshogile mme a batla go itlhoboga le go boela kwa morago kwa go rraabone mo nageng.

Setshwantsho
Nefi a bua le barwarraagwe

Nefi a re ba ka se boe ba sa tshola dipapetlana tsa kgotlho. O bolelela barwarraagwe go nna le tumelo e ntsi mo Moreneng mme ba tlaa atlega mo go tseyeng dipapetlana tsa kgotlho.

Setshwantsho
go kgobokanya gauta

Nefi le barwarraagwe ba ne ba ya kwa legaeng la bone la bogologolo mo Jerusalema mme ba kgobokanya gauta le selefera tsa bone go di ananya ka dipapetlana.

Setshwantsho
ba supetsa Lebane gauta

Ba supetsa Labane mahumo a bone le go dira papadi ka one go dipapetlana. Fa Labane a bona gauta ya bone le selefera, o ne a di ipatlela mme a ba kobela ntle.

Setshwantsho
Labane a supa

Labane o ne a bolelela banna ba gagwe go bolaya barwa Lehi. Nefi le barwarraagwe ba sia le go iphitlha mo legageng. Labane a ipeela gauta ya bone le selefera.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba betsa Nefi le Seme

Lamane le Lemuele ba ne ba galefetse Nefi. Ba betsa Nefi le Seme ka thupa.

Setshwantsho
moengele a iponatsa

Moengele a bonala mme a bolelela Lamane le Lemuele go emisa. O ne a re Morena o tlaa ba thusa go tsaya dipapetlana. O ne a re le gone Nefi o tlaa nna moeteledipele wa barwarraagwe.

Setshwantsho
Nefi a bua le barwarraagwe

Nefi a bolelela bo mogolowe le monnawe go nna le tumelo mo Moreneng le gore ba se boife Labane le banna ba gagwe. Nefi o rotloetsa barwarraagwe go boela Jerusalema.

Setshwantsho
Nefi le barwarraagwe ba iphitlhile

Bosigo joo barwarraagwe Nefi ba iphitlha kwantle ga lomota la toropo fa Nefi a kukunela mo teng. O tsamaela kwa ntlong ya ga Labane.

Setshwantsho
Labane a tagilwe

Jaaka fa Nefi a atumela ntlo ya ga Labane, o ne a bona monna a tagilwe a rapaletse fa fatshe. E ne e le Labane.

Setshwantsho
Nefi a tsaya tshaka ya ga Labane

Nefi a bona tshaka ya ga Labane mme a e tsaya. Moya o o Boitshepo wa bolelela Nefi go bolaya Labane, mme Nefi o ne a sa batle go mmolaya.

Setshwantsho
Nefi a bolaya Labane

Mowa o o Boitshepo gape wa bolelela Nefi go bolaya Labane gore Nefi a tle a tseye dipapetlana tsa kgotlho. Lelwapa la ga Lehi le tlhoka dipapetlana gore ba tle ba ithute efangele.

Setshwantsho
Nefi mo diaparong tsa ga Labane

Nefi a obamela Mowa o o Boitshepo mme a bolaya Labane. Nefi jalo a apara diaparo tsa ga Labane le seaparo sa iphemelo.

Setshwantsho
Nefi a dira jaaka Labane

Nefi a tsena mo ntlong ya ga Labane mme a kopantshiwa ke Soramo, motlhanka wa ga Labane. Nefi o ne a lebega le go utlwala fela jaaka Labane.

Setshwantsho
Nefi le Soramo

O ne a bolelela Soramo go tsaya dipapetlana tsa kgotlho. Soramo o ne a akanya gore Nefi ke Labane, jalo a mo neela dipapetlana. Nefi a bolelela Soramo go mo sala morago.

Setshwantsho
Nefi le Soramo

Lamane, Lemuele, le Seme ba bona Nefi a tla mme ba boifa; ba akanya gore ke Labane. Ba simolola go sia mme ba ema fa Nefi a ba bitsa.

Setshwantsho
Nefi le Soramo

Ke gone Soramo a lemoga gore Nefi e ne e se Labane, mme a leka go sia. Nefi a tshwara Soramo mme a mo solofetsa go sa mo golafatseng fa a ka tsamaya le Nefi mo nageng.

Setshwantsho
Soramo le bakaulengwe

Soramo wa dumalana. Nefi le barwarraagwe ba tsaya Soramo le dipapetlana tsa kgotlho mme ba boela kwa go Lehi le Sarai

Setshwantsho
Lehi le Sarai ba itumetse

Ba neetse dipapetlana tsa kgotlho go Lehi. Ene le Sarai ba ne ba itumeletse gore barwa ba bone ba ne ba bolokesegile. Botlhe ba itumela le go leboga Modimo.

Setshwantsho
Lehi a balela barwa ba gagwe

Lehi o bala dipapetlana tsa kgotlho. Di bolela ka ga Atamo le Efa le Tlholego ya lefatshe. Di na le mafoko a baperofeti ba bantsi.

Setshwantsho
Lehi le Nefi

Lehi le Nefi ba ne ba itumetse ka ntlha ya gore ba obametse Morena e bile ba atlegile go tsaya dipapetlana tsa kgotlho.

Setshwantsho
Lehi a paka dipapetlana

Lelwapa la ga Lehi le paka dipapetlana tsa kgotlho go di tsaya mo loetong la bone gore ba ka ruta bana ba bone ditaelo tse dikwadilweng mo dipapetlaneng.