Scripture Stories
Kgaolo 45: Jeso Keresete o ruta ka ga Sakaramente le Thapelo


Kgaolo 45

Jeso Keresete o ruta ka ga Sakaramente le Thapelo

Setshwantsho
Setlhopha sa batho se tsamaya

Jeso Keresete a romela barutwana ba gagwe go batla senkgwe le mofine. A bolelela Banefi go nna fa mmung.

Setshwantsho
Jeso a fetisa senkgwe

Mme fa barutwana ba boa, Mmoloki a kgaoganya senkgwe mme a se segofatsa. A naya se sengwe go barutwana ba gagwe mme bone ba naya se sengwe go batho.

Setshwantsho
Jeso a bua

Jeso a re fa batho ba ba tsayang tsholofetso ya sakaramente gore ka metlha ba a mo gakologelwa le setlhabelo sa gagwe. Ba ne ke gone ba amogela Mowa wa gagwe.

Setshwantsho
batho ba fetisa mofine

Jeso Keresete a segofatsa mofine mme a o fa barutwana ba gagwe. Barutwana ba naya o mongwe mofine go batho.

Setshwantsho
Jeso a ruta

Jeso a re bao ba ba tsayang sakaramente ba solofetsa go tshegetsa ditaelo tsa gagwe.

Setshwantsho
Jeso a bua le barutwana

Jeso gape a bolelela barutwana ba gagwe gore mongwe le mongwe yo o tsayang sakaramente mme ka metlha ba mo gakologelwa ba tlaa nna le Mowa wa gagwe.

Setshwantsho
Jeso a bua le batho

O boleletse barutwana ba gagwe gore ba tlaa segofala fa ba tshegetsa ditaelo tsa gagwe.

Setshwantsho
Jeso a bua le barutwana

O ne a ba bolelela gore ba rapele ka metlha le go rapela jaaka ba bone a rapela.

Setshwantsho
Jeso a bua le mongwe le mongwe

Mmoloki o beleletse Banefi go rapela Rraetsho wa Legodimo ka leina la gagwe. Le gone O ba laetse go rapela le malwapa a bone.

Setshwantsho
batho ba reeditse Keresete

A re batho ba tshwanetse go kopana ka metlha. Ba tshwanetse ba amogela ba bangwe mo diphuthegong tsa bone, go ba rapelela, le go nna sekao se se molemo mo go bone.

Setshwantsho
Jeso a tlatlogela kwa legodimong

Mmoloki o neeetse barutwana thata go naya Mowa o o Boitshepo. Ke gone leru la apesa batho gore fela barutwana ba bone Keresete a tlhatlhogela kwa legodimong.