Scripture Stories
Kgaolo 8: Go kgabaganya Lewatle


Kgaolo 8

Go kgabaganya Lewatle

Setshwantsho
lelwapa le paka

Morena o ne a bolelela Lehi go tseela le lelwapa la gagwe mo sekepeng se ba se agileng. Ba se tlatsa ka maungo, nama, le dinotshe le ka dipeo go jwala mo lefatsheng la tsholofetso.

Setshwantsho
sekepe se tsamaya

Diphefo tse di maatla tsa fokela sekepe kwa lefatsheng la tsholofetso.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele ba bofa Nefi

Lamane, Lemuele, le ba ba bangwe ba simolola go nna boikepo. Fa Nefi a ba bolelela go emisa, ba galefa mme ba mmofa ka megala.

Setshwantsho
sekepe mo matsubutsubung

Ka ntlha ya boikepo jwa bone, Liahona ya emisa go dira. Ba ne ba sa itse tsela e ba ka kaela sekepekwa go yone. Matsubutsubu a a boitshegang a fokela sekepe kwa morago malatsi a mararo.

Setshwantsho
Lehi le Sarai

Lehi a bolelela Lamane le Lemuele go bofolola Nefi, mme ba seka ba reetsa. Lehi le Sarai ba hutsafala mo ba neng ba lwala.

Setshwantsho
batho ba ngangisana

Mosadi wa ga Nefi le bana ba lela. Ba kopa Lamane le Lemuele go bofolola Nefi, mme ba gana.

Setshwantsho
sekepe se batla go nwela

Mo letsatsing la bone matsubutsubu a gakala. Sekepe se ne sa batla go nwela.

Setshwantsho
Lamane le Lemuele

Lamane le Lemuele ba itse gore Modimo o rometse matsubutsubu. Ba ne ba tshoga gore ba tlaa teba.

Setshwantsho
Nefi le lelwapa

La bofelo Lamane le Lemuele ba ikwatlhaya e bile ba bofolola Nefi. Le ntswa mangenana le ditokololo di ne di rurugile e bile di le ntho tsa megala, Nefi a seka a ngongorega.

Setshwantsho
Nefi a tshotse Liahona

Nefi ke gone a tsholetsa Liahona, mme ya dira gape. Nefi a rapela, mme phefo ya ema. Lewatle la sisibala

Setshwantsho
Nefi o kaela sekepe

Nefi a kaela sekepe, mme sa tsamaela gape kwa lefatsheng la tsholofetso.