Scripture Stories
Kgoalo 18: Alema yoo Mmotlana wa Ikwatlhaya


Kgaolo 18

Alema yoo Mmotlana wa Ikwatlhaya

Setshwantsho
Alema a tlhoma ba bangwe

Kgosi Mosia a dira Alema moeteledi pele wa Kereke mo Sarahemola. Alema ke gone a itshenkela banna go mo thusa go ruta Banefi.

Setshwantsho
badumedi ba bogisiwa

Alema le Kgosi Mosia ba tshwenyegile ka ntlha ya matlhoka-tumelo a ne a dira maloko a Kereke go boga ka ntlha ya ditumelo tsa bone.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana

Alema o ne a na le morwa a bidiwa Alema. Alema yoo Mmotlana o ne a sa dumele dithuto tsa ga rraagwe mme a nna monna yoo boikepo.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana le barwa Kgosi Mosia

Alema yoo Mmotlana le barwa ba bane ba ga Kgosi Mosia ba lwantshana le Kereke. Ba tlhotlheleditse batho ba bantsi go tlogela Kereke mme ba nna boikepo.

Setshwantsho
Alema a rapela

Alema o rapeletse gore morwa wa gagwe a ithute boammaaruri mme a ikwatlhae.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana le barwa Kgosi Mosia

Alema yoo Mmotlana le barwa Kgosi Mosia ba tsweletse ka go leka go senya Kereke.

Setshwantsho
moengele a iponatsa go batho

Letsatsi lengwe moengele a bonala go bone Moengele a bua ka lentswe le le kwa godimo le le roromisitseng lefatshe.

Setshwantsho
Banna ba babotlana ba tshositswe ke moengele.

Banna ba ba botlana ba batlhano bane ba tshogile ba bo ba wela fatshe. Kwa ntlheng ba ne ba sa tlhaloganye se moengele a neng a se bua.

Setshwantsho
moengele a bua le Alema yoo Mmotlana

Moengele o tlile mo go arabeng dithapelo tsa maloko a Kereke. Moengele a botsa Alema yoo Mmotlana gore ke eng a lwantsha Kereke.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana

Lefatshe le ne la roroma jaaka moengele a ne a bolelela Alema yoo Mmotlana go emisa go leka go senya Kereke.

Setshwantsho
basimane ba wela fatshe.

Alema yoo Mmotlana le barwa Mosia ba wela fatshe gape. Ba bone moengele, ba bo ba itse thata ya Modimo e tshikintse lefatshe.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana fa fatshe

Alema yoo Mmotlana o ne a gakgametse mo a neng a sa bue. O ne a le bokoa mo a neng e bile a palelwa ke go tsamaisa diatla tsa gagwe.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana a rwelwe.

Barwa Mosia ba rwele Alema yoo Mmotlana go rraagwe ba bo ba mmolelela gotlhe mo go ba diragaletseng.

Setshwantsho
Alema a rapela

Alema o ne a itumetse. O ne a itse fa Modimo a arabile dithapelo tsa gagwe.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana mo bolaong.

Alema o biditse batho ba bantsi mmogo go bona se Morena a se dirileng go morwa wa gagwe le go borwa Mosia.

Setshwantsho
Alema a segofatsa morwa wa gagwe

Alema le bangwe ba baeteledi-pele ba Kereke, ba ikitsa dijo mme ba rapela go kopa Modimo go thusa Alema yoo Mmotlana go thatafala gape.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana a bua le rraagwe

Morago ga malatsi a mabedi le masigo, Alema yoo Mmotlana o ne a kgona go bua le go tsamaya.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana a bua le ba bangwe

O boleletse batho gore o ikwatlhaetse maleo a gagwe mme Modimo o mo itshwaretse.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana a ruta

O rutile gore mongwe le mongwe o tshwanetse go nna mosiami ka thulaganyo ya go tsena mo bogosing jwa Modimo. O boletse le gone ka botlhoko jo bogolo jo a bo bogileng ka ntlha ya boleo jwa gagwe.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana

Alema o Mmotlana o ne a itumetse ka ntlha ya go bo a ikwatlhaile e bile Modimo a mo itshwaretse. O ne a itse gore Modimo wa mo rata.

Setshwantsho
batho ba ruta

Alema yoo Mmotlana le barwa Kgosi Mosia ba simolola go ruta boammaaruri go ralala lefatshe, ba bolelela mongwe le mongwe se ba se boneng le go se utlwa.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana a ruta batho

Ba leka go dirolola tshiamololo e ba neng ba e dirile. Ba tlhalosetsa batho dikwalo tse di boitshepo le go ba ruta ka Jeso Keresete.

Setshwantsho
Alema yoo Mmotlana a kolobetsa ba bangwe

Modimo a segofatsa Alema yoo Mmotlana le barwa Mosia jaaka ba ruta efangele. Batho ba le bantsi ba ba reetsa mme ba dumela.