Scripture Stories
Kgaolo 39: Nefi o Amogela Thata e Kgolo


Kgaolo 39

Nefi o Amogela Thata e Kgolo

Setshwantsho
Nefi a akanya

Nefi o tsamaela kwa legaeng la gagwe, a akanya ka ga se Morena a se mo supeditseng le ka ga boikepo jwa Banefi. O ne a hutsafetse ka ntlha ya boikepo jwa bone.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Morena o ne a bua le Nefi mme a mo galaleletsa go nna kutlo le go dira ka thata go ruta efangele.

Setshwantsho
Nefi

Nefi o ne a neelwa thata go dira sengwe le sengwe. Morena o ne a itse fa a tlaa dirisa thata e ka tshiamo.

Setshwantsho
Nefi a tsamaya

Morena o boleletse Nefi go tlhagisa Banefi gore fa ba sa ikwatlhae, ba tlaa nyelediwa. Nefi o ne a tsamaya ka bofefo go tlhagisa batho.

Setshwantsho
Banefi ba tlhasela Nefi

Banefi ba ne ba sa dumele Nefi. Ba ne ba leka go mo latlhela mo kgolegelong, mme tahata ya Modimo ya mo sireletsa.

Setshwantsho
Nefi a tsamaya

Nefi a bolela lefoko la Modimo go botlhe Banefi.

Setshwantsho
batho ba lwa

Mme batho ba ne ba nna le e leng boikepo thata mme ba simolola go lwantshana.

Setshwantsho
Nefi a rapela

Nefi a rapelela leuba, a solofela fa letlhoko la dijo le tlaa nolofatsa Banefi le go ba thusa go ikwatlhaya.

Setshwantsho
banna mo lefatsheng le le omeletseng

Leuba la tla. Gone go sena pula, mme mmu wa oma mme dijwalo tsa seka tsa gola. batho ba emisa go lwa.

Setshwantsho
lelwapa le rapela

Banefi ba ne ba tshwerwe ke tlala, mme bontsi ba swa. Bao ba ba tshedileng ba simolola go gakologelwa Morena le se Nefi a se ba rutileng.

Setshwantsho
batho ba bua le baatlhodi

Batho ba ikwatlhaela dibe tsa bone mme ba rapela baatlhodi ba bone go kopa Nefi go khutlisa leuba. Baatlhodi ba ya kwa go Nefi.

Setshwantsho
Nefi a rapela

E rile Nefi a bona gore batho ba ikokobeditse mme ba ikwatlhaile, a kopa Morena go fedisa leuba.

Setshwantsho
batho mo puleng

Morena a araba thapelo ya ga Nefi, mme pula ya simolola go na. Ka bonako dijwalo tsa gola gape. Batho ba galaletsa Modimo mme ba itse fa Nefi e le moperofeti yo mogolo.

Setshwantsho
Banefi ba bereka

Bontsi jwa Banefi ba ikopanya le kereke. Ba huma, mme ditoropo kgolo tsa bone tsa gola. Go ne go nnna kagiso mo lefatsheng.

Setshwantsho
Balamane ba tlhasela Banefi

Ke gone Banefi ba ba neng go le pele ba ikopantse le Balamane ba tlhasela Banife.

Setshwantsho
batlhabani

Banefi ba leka go fenya baba ba bone, ba ba nnileng magodu a ga Gadianthone, mme ba retelelwa gonne bone ka bone ba ne ba nna boikepo gape.

Setshwantsho
Nefi a tshotse tlatlana

Fa Banefi ba ne ba le tshiamo, Morena o ne a ba segofatsa. Fa ba le boikgantsho e bile ba lebetse Morena, o ne a ba neela mathata go ba thusa gore ba mo gakologelwe.