Scripture Stories
Kgaolo 26: Batho ba ga Amone


Kgaolo 26

Batho ba ga Amone

Setshwantsho
Mosia a ruta Balamane

Barwa Mosia ba rutile efangele go Balamane. Diketekete tsa Balamane tsa ikwatlhaya mme ba tsena Kereke.

Setshwantsho
Baanthi-Nefi-Lehi

Balamane bao ikgolantseng le Kereke ba ipitsa Baanthi-Nefi-Lehi, kgotsa batho ba ga Amone. Ba ne ba le molemo, batho ba ba dirang ka thata.

Setshwantsho
Balamane ba ipaakanyetsa go lwa

Balamane ba ba sa ikwatlhayang ba ne ba galefela batho ba ga Amone mme ba ipaakanyetsa go ba lwantsha.

Setshwantsho
batho ba ga Amone

Batho ba ga Amone ba ne ba itse gore baikepi ba Balamane ba tlaa tla go ba bolaya mme ba ikemisetsa go sa ba lwantsha. Ba ikwatlhaetse go bolaya

Setshwantsho
Batho ba fitlha dibetsa

Ba fitlha dibetsa kwa tlase mo lefatsheng mme ba solofetsa Modimo gore ga ba kitla ba bolaya gape.

Setshwantsho
Balamane ba tla mme batho ba rapela

Fa baikepi ba Balamane ba tla mme ba simolola go ba bolaya, ba khubama mo lefatsheng mme ba rapela.

Setshwantsho
Balamane ba eme go dikologa batho ba ga Amone

Go bona gore batho ba ga Amone ga ba ka ke ba itwela, bontsi jwa Balamane ba ba boikepo jwa emisa go ba bolaya.

Setshwantsho
Balamane ba baya fatshe dibetsa

Balamane ba ne ba utwile botlhoko gore ba bolaile Ba latlhela fa fatshe dibetsa tsa bone mme ba ikopanya le batho ba ga Amone. Ga ba kitla ba lwa ka gope.

Setshwantsho
Balamane ba bolaya batho ba ga Amone

Balamane ka bontsi ba tla go boloya batho ba ga Amone. Ba santse ba sa itwele, mme bontsi jwa bolaiwa.

Setshwantsho
Amone a rapela

A sa batle batho ba a ba ratang ba nyelediwa, Amone a rapelela thuso. Morena a mmolelela go tsaya batho ba gagwe mme a tloge mo lefatsheng.

Setshwantsho
Batho ba ga Amone le Banefi ba Sarahemola

Banefi mo Sarahemola ba neetse Amone le batho ba gagwe lefatshe la Jeshone le go ba sireletsa. Ba nna ditsala.