Scripture Stories
Kgaolo 23: Amone: Motlhanka yoo Mogolo


Kgaolo 23

Amone: Motlhanka yoo Mogolo

Setshwantsho
Barwa Mosia ba tsamaya

Barwa Mosia ba bane ba tlogetse Sarahemola go ruta Balamane efangele. Ka bongwe ba ne ba ya go ditoropo tse difarologaneng.

Setshwantsho
Amone a tshwerwe

Amone a ya kwa lefatsheng la Ishemaele. Jaaka a tsena ka toropo kgolo, Balamane ba mmofa mme ba mo isa kwa kgosi ya bone, Lamoni.

Setshwantsho
Lamoni le Amone

Amone o boleletse Kgosi Lamoni gore o batla go nna mo gare ga Balamane. Lamoni o ne a kgatlhegile mme a dira gore banna ba gagwe ba mmofolole.

Setshwantsho
Amone a disitse matsomane

Amone o re o tlaa nna mongwe wa batlhanka ba kgosi. Kgosi a mo romela go lebelela matsomane a gagwe.

Setshwantsho
Balamane ba gasamisa letsomane

Letsatsi lengwe fa Amone le bangwe batlhanka ba ne ba tseela matsomane go ya go nwa metsi, Balamane ba magodu ba gasagasa diphologolo le go leka go di utswa.

Setshwantsho
batlhanka le Amone

Batlhanka ba ba neng ba na le Amone ba ne ba tshogile. Kgosi Lamoni o ne a bolaile batlhanka ba bangwe ba gagwe ba ba neng ba latlhegetswe ke diphologolo go magodu a.

Setshwantsho
Amone

Amone o ne a itse gore se e ne e le monyetla wa go dirisa thata ya Morena go gapa dipelo tsa Balamane. Ke gone ba ka reetsa dithuto tsa gagwe.

Setshwantsho
Amone a bua le batlhanka

Amone a bolelela batlhanka gore fa ba ka kgobokanya diphologolo tse di phatlhaladitsweng, kgosi ga a na go ba bolaya.

Setshwantsho
Amone a kgobokanya diphologolo

Amone le batlhanka ba bangwe ka bofefo ba bona diphologolo mme ba dikgweeletse kwa morago kwa lefelong la go nwa.

Setshwantsho
Amone a bua le batlhanka

Magodu a Balamane ba boa. Amone a bolelela batlhanka ba bangwe go disa matsomane fa a lwantsha magodu.

Setshwantsho
magodu

Magodu a Balamane ba ne ba sa tshabe Amone. Ba ne ba akanya fa ba ka mmolaya motlhofo.

Setshwantsho
Amone a bolaya magodu

Thata ya Modimo ene e na le Amone. O ne a tikale go bolaya bangwe ba magodu ka matlapa, mo go dirileng magodu a otlhe go galefa.

Setshwantsho
Amone a lwantsha magodu.

Ba leka go bolaya Amone ka melamu ya bone, mme nako nngwe le nngwe fa legodu le tsholetsang molamu go itaya Amone, o ne a kgaola letsoga la legodu. Ba tshogile, magodu ba sia.

Setshwantsho
batlhanka ba bua le kgosi

Batlhanka ba tseela matsogo a a kgaotsweng go Kgosi Lamoni mme ba mmolelela se Amone a se dirileng.

Setshwantsho
Kgosi Lamoni

Kgosi o ne a gakgamaletse thata e kgolo ya ga Amone. O ne a batla go bona Amone mme a tshaba ka ntlha ya go akanya Amone e le Mowa o Mogolo.

Setshwantsho
Kgosi e tlhatlhanya.

Fa Amone a tsena a tla mo go mmona, Kgosi Lemonae o ne a sa itse gore o ka reng. O ne a sa bue sebaka sa oura.

Setshwantsho
Amone a rera

Moya o o Boitshepho wa thusa Amone go itse se kgosi a neng a se akantse. Amone a tlhalosa gore ga se Mowa o Mogolo E ne e le monna.

Setshwantsho
Kgosi Lamoni a bua le Amone

Kgosi a solofetsa Amone sengwe le sengwe se a se batlang fa a ka mmolelela ke ka thata e fe e a e dirisitseng go fenya magodu le go itse dikakanyo tsa kgosi.

Setshwantsho
Amone a bua le Kgosi Lamoni

Amone a re selo fela se a se batlang ke gore Kgose Lamoni a dumele se a tlaa se buang. Kgosi a re o tlaa dumela sengwe le sengwe se Amone a se mmolelelang.

Setshwantsho
Amone a bua le Kgosi Lamoni

Amone a botsa Kgosi Lamoni fa a dumela mo Modimong. Kgosi a re o dumela mo Moweng o Mogolo.

Setshwantsho
Amone a ruta Lamoni

Amone a re Mowa o Mogolo ke Modimo, gore o tlhodile sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefatsheng, le gore o itse dikakanyo tsa batho.

Setshwantsho
Amone a ruta Lamoni

Amone a re batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. O ne le gone a re Modimo o mmiditse go ruta efangele go Lamoni le batho ba gagwe.

Setshwantsho
Amone a ruta ka dikwalo tsed i boitshepo

A dirisa dikwalo tse di boitshepo, Amone o rutile Kgosi Lamoni ka ga Tlholego, Atamo, le Jeso Keresete.

Setshwantsho
Lamoni a rapela

Kgosi Lamoni o dumetse Amone mme a rapela go itshwarelwa dibe tsa gagwe. Ka jalo a wela fa fatshe mme a bonala jaaka e kete o sule.

Setshwantsho
batlhanka ba kgosi

Batlhanka ba tsholeletsa kgosi go mosadi wa gagwe le go mo robatsa mo bolaong. Morago ga malatsi a mabedi batlhanka ba akanya fa a sule mme ba ikaelela go mo fitlha.

Setshwantsho
mohumagadi a bua le Amone

Mohumagadi o ne a sa dumele fa monna wa gagwe a sule. A utlwile ka thata e kgolo ya ga Amone, a mo kopa go thusa kgosi.

Setshwantsho
Amone a bua le mohumagadi

Amone o ne a itse Lamoni a le ka fa tlase ga thata ya Modimo. A bolelela mohumagadi gore Lamoni o tlaa tsoga letsatsi le le latelang.

Setshwantsho
Lamoni a tsoga

O ne a nna fa thoko ga ga Lamoni bosigo jotlhe. Letsatsi le le latelang Lamoni a tsoga mme a re o bone Jeso Keresete. Kgosi le mohumagadi ba tlala ka Mowa o o Boitshepo.

Setshwantsho
Lamoni a kolobediwa

Lamoni o rutile batho ba gagwe ka Modimo le Jeso Keresete. Bao ba dumetseng ba ikwatlhaela dibe tsa bone mme ba ne ba kolobediwa.